Go itsane losika go botlhokwa
07 Jan 2015
Go itsane ga losika go botlhokwa ka go ka thusa gore dikokomane tse di tswang kwa morago di gole di tlhaloganya le go itse losika lwa bone botoka ka ba anyilwe mo batsading ba bone.
Fa a bua mo letsatsing la go itsane losika lwa Barolong ba ga Morakile go tswa kwa Aferika Borwa, Botswana le Namibia kwa motseng wa Makopong bosheng, Mme Remember Kelefile a re go tswa bogologolo batsadi ba bone ba sena kgatlhego ya go ba tlhalosetsa ka fa ba sikanang ka teng le ba bangwe mme seo sa dira gore ba tlhoke kitso ya tshika ya bone jalo ga felela go dira gore ba tlhoke go emana nokeng e le masika.
O kaile fa ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo go ba motlobo wa ditso ka seo se ka thusa thata go tlhaloganya mo go tseneletseng ka fa Barolong ba ga Morakile ba simologileng ka teng ka batsadi ba bone ba ba itseng ditso botlhe ba setse ba tlhokafetse.
Fa a iteela kobo moroko mafoko ao, Rre Boitheko Kelefile o kaile fa e sale ba simolotse go tshwara bokopano go simologa ka 2006 mme a kaya fa ba tla tswelela ba dira jalo ngwaga le ngwaga gore losika lwa bone lo gole mo Botswana le kwa mafatsheng a mangwe a akaretsa Aferika Borwa le Namibia.
A re ba simolotse go itse bangwe ba masika a bone ka malatsi a boitapoloso le ka dinako tsa dintsho gammogo le manyalo fa ba ile kwa Aferika Borwa.
Fa a latlhela la gagwe, Mme Kebuileng Mosilabele go tswa kwa Aferika Borwa o lebogetse thata bokopano joo, a kaya fa bo le mosola ka bo kgonne gore bo ba bontshe Barolong bangwe ba ba neng ba sa ba itse mme a bolela fa ba tla a tsweledisa bokopano joo mo mafelong a a farologaneng a ba tla kopanelang mo go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 07 Jan 2015