Monana o itshetsa ka go tlhatswa dikoloi
07 Jan 2015
Monana mongwe wa motse wa Tsabong yo o simolotseng kgwebo ya go tlhatswa dikoloi ngwaga tse tharo tse di fetileng o bolela fa botshelo jwa gagwe bo tokafetse fela thata.
Rre Otsile Ramotlhane o supile fa a gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro mme se sa baka gore a simolole kgwebo ya Makala Car Wash ya go tlhatswa dikoloi.
A re o simolotse a bereka ditiro tsa nakwana ka go ne go se motlhofo go bona ya sennela ruri.
O tsweletse a tlhalosa gore o tletswe ke mogopolo wa go itirela kgwebo ka a bone gore a ka seke a kgona go nna a ikaegile ka ditiro tsa nakwana.
A re o simolotse ka go ipeela madi nako le nako fa a amogela ka a ne a batla go diragatsa maikaelelo a gagwe a g ipona a na le kgwebo ya gagwe.
A re o simolotse kgwebo ka 2012 mme nako ya teng e ne ele potlana ka lefelo le a neng a direla mo go lone le ne le le lennye gape le iphitlhile ka jalo batho ba sa kgone go fitlhelela teng sentle.
O bolela fa a thapile monana ka ene Rre Tlhalefo Makake ele tsela ya go leka go tokafatsa botshelo jwa mongwe ka ene.
O tsweletse a re ka 2013 ba ne ba fudugela kwa lefelong le le bapileng le tsela e e dirisiwang thata ke batho gape le bapile le marekisetso a le mmalwa e bile le le fagare ga motse.
A re lefelo leo le siame thata ka gore o bona batho ba tla ba le mokawana go kopa thuso ya gagwe.
O supile fa a ise a tsamae a bereke tiro ya go tlhatswa dikoloi mme e ne e le lantlha a e dira nako ya fa a simolola kgwebo e.
A re o tlhophile go tlhatswa dikoloi ka gore kgwebo ya teng e ne e se ntsi mo motseng wa Tsabong e bile ke yone fela e a neng a bona a ka e kgona.
O tlhalositse fa kgwebo eo e berekisa fela thata go feta jaaka a ne a akantse.
A re go tlhatswa dikoloi go tlhoka nako, matsetseleko le bopelotelele e le ntlha nngwe ya go leka go ngoka batho ba ba tlhokang dithuso.
O tsweletse a re o simolotse a tlhatswa dikoloi fela mme mo nakong eno o atolositse ka o tlhatswa mealo le ditilo tota.
O tsweletse ka go tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata sebe sa phiri e le tlhwatlhwa ya lefelo le a le hirisitseng ka ele kwa godimo.
A re ka ba dirisa metsi a mantsi le motlakase le tsone tlhwatlhwa tsa tsone di kwa godimo fela thata.
O supile fa a sena didirisiwa tse di lekaneng mme a re o solofela gore mo tsamaong ya nako o tla kgona go oketsa tse a nang le tsone.
O tsweletse a re mo dingwageng tse di tlang o batla gore kgwebo ya gagwe e bo e godile e bile e setse e aname le mafelo a mangwe mo Botswana.
Rre Ramotlhane a re mo nakong eno o kgona go itirela sengwe le sengwe se a se tlhokang jaaka go ithekela dijo, diaparo le go thusa ba lelwapa la gagwe ka jalo o rotloeditse banana go itlhamela ditiro gore ba seka ba ikaega fela ka mananeo a puso ka gore nako e nngwe motho o kgona go sa atlege.
O boletse gore botoka go thusiwa mo tirong e e tsweletseng go na le go kopa le tsone dithuso tsa go simolola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 07 Jan 2015