Breaking News

Maano ga a site...

07 Jan 2015

Mme Chikadzi Sigweni wa motse wa Changate ke  mongwe wa Batswana ba ba sa letlelelang go tlhoka  thuto ga gagwe go mo kgoreletsa mo botshelong ka a re o bone gole botoka gore a itshetsa ka setlhare sa mogwagwa se se ntshang maungo a a lephutshe ka mmala a a ka jewang a le tala kana a omisitswe. 

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Sigweni o tlhalositse gore o ne a bona go tshwanela gore a batle ditsela tse di ka dirang gore a seka a nna fela ka matsogo mme a tlelwa ke leano la go bapala mogwagwa gore a o rekise. 

Mme yo a re o simolotse thekiso ya mogwagwa o o omisiwang bogologolo mo a sa tlholeng a gakologelwa gore tota ke ka ngwaga ofe.

O tsweletse ka go tlhalosa fa go rekisa mogwagwa o o omisitsweng go mo thusa fela thata mo lwapeng ka gore madi a a bonang o a dirisa go reka dilo tse a di tlhokang le tsone dijo tota.  

Mme Sigweni a re go omisa mogwagwa ke tiro e telele e bile go tlhoka bopelotelele ka gore sa ntlha motho o tshwanetse go o bapala, a bo a ya go kgetla dithupa tsa setlhare sa mokgomphatha gore a tle a dire fa a tsileng go anegela mogwagwa teng. 

A re o anegiwa mo letsatsing motshegare otlhe o bo o bewa fa thoko ga molelo maitseboa gore o ome tota.

Fela jaaka dikgwebo tsotlhe, thekiso ya mogwagwa o o omisitsweng le yone e na le dikgwetlho tsa one. 

A re kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore mo ngwageng o mogwagwa ga o montsi kwa nageng jaanong mo go dira gore a seka a kgona go dira jaaka a tlwaetse. 

O tsweletse ka gore ka e le mosadimogolo, ga a sa tlhole a kgona go ya go rwalela dikgong ka gore fa motho a omisa mogwagwa go tlhokana le dikgong tsa molelo.

Setlhare sa mogwagwa se ungwa ka paka ya dipula mme gape gore o ome sentle go tshwanetse gore go bo go le letsatsi jalo se ke kgwetlho ka gore fa dipula di na ga go nne le letsatsi le le ka o omisang sentle.

Mme Khesiwe Rali le ngwana wa gagwe Mme Thalosani Rali le bone ba re go omisa mogwagwa ke botshelo ja bone ka ba o direla gore ba kgone go nna le sengwe se ba ka se jang ba bo ba o rekisa gore ba kgone go reka tse ba di tlhokang mo lwapeng. 

Lebaka le lengwe la gore ba bo ba omisa mogwagwa mo lwapeng a re ke gore ga ba eletse gore bana ba bone ba ka ya go o kopa kwa malwapeng a mangwe.

Mme Rali o tlhalositse fa go le monate go bona bana ba gagwe ba ja dilo tse a di itiretseng ka diatla ba sa kope mo malwapeng a mangwe. 

O tsweletse ka go tlhalosa gore ga se malwapa otlhe mo motseng wa Changate a a omisang mogwagwa, jaanong o bone se e le lebaka la gore ene a o dire a bo a o rekisa. O bolela fa ba rekisa mogwagwa oo kwa Tutume ka ke lone lefelo le go fitlhelwang bontsi jwa batho teng. 

A re dinako dingwe o rekisetsa kwa metseng ya Nkange, Senete le e mengwe e e mabapi.

Mme Qhinanga Eliot ene o kaile fa a omisetsa mogwagwa go o ja fela mo lwapeng. 

O tlhalositse gore fela jaaka badiri ba bangwe ba mogwagwa le ene o na le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone. 

A re fa a ile go bapala mogwagwa kwa sekgweng go na le gore o ka fitlhela ditshwene di o feditse ka jalo go bo go sena gore o ka dira jang fa e se go itlhoboga fela a bo a boela lwapeng a iphotlhere. 

Mme Eliot o dumela gore le fa thuto e le botlhokwa, ga go reye gore motho fa a sa rutega o ka nna fela a sa dire sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Nkoga

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2015