Breaking News

Temo e ka fokotsa lehuma

07 Jan 2015

Kgosi Itekeng Mathangwane wa motse wa Mathangwane mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore batho ba tseye temo ka tlhoafalo ka e ka nna le seabe se se bonalang mo go fokotseng lehuma le gone go ikaega fela mo pusong.

Kgosi Mathangwane o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba le maoto a tshupa go ka lema le ntswa go le paka ya temo.

A re bagolo bangwe ba ba senang motswedi wa itshetso ba ntse meriti e e tsididi go ka itirela dijo ka temo. 

Kgosi Mathangwane o kgadile a menne phatla mokgwa o, a tlatsa ka go bolela fa bangwe ba phuagantse masimo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka lema. 

A re bangwe ba go nna jalo ke bone gape ba ba felelang ba tlhoka se ba itshetsang ka sone mme phelelong ba nne morwalo wa puso.

Kgosi Mathangwane a re Batswana ba tshwanetse go tsosolosa mokgwa wa go lema o ba itsegeng ka one ka e le one seikokotlelo mo matshelong a bone. 

A re mosola wa temo ga oa remelela fela mo thobong mme e rotloetsa go ka itirela gape e bipa lehuma mo lwapeng.

Kgosi o rotloeditse banana go kgatlhegela temo, a bo a ba gakolola gore ba se nyafalele temo ka e ka fetola matshelo a bone. 

O ba rotloeditse go dirisa mananeo a akaretsa la ISPAAD le a mangwe a temo ka go farologana ka o tlhalosa gore fa mananeo a a ka salwa morago ka kelelo, a ka dira pharologanyo e e bonalang mo masimong gape a ka tsisa thobo e e nametsang.

O tsweletse a supa fa go ikopela dithuso tsa puso go se molato, fela a re sebe sa phiri ke gore bangwe ba nna fela ba sa dire maiteko ape go beilwe fela gore puso e tla tswa ka maano. 

A re Batswana ba tshwanetse go lemoga fa puso e tshwerwe ka thata ka e intshitse setlhabelo go ba fa ditirelo di akaretsa thuto le kalafi gareng ga tse dingwe ntle le go lopiwa dituelo dipe. 

Ka jalo a re go botlhokwa gore Batswana ba ikemele ka dinao gonne go ka nna molemo gore e re ba amogela dithuso ka go farologana le bone ba supe fa tse dingwe ba ka di itirela go na le go leta go fiwa fela mo matsogong nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 07 Jan 2015