Kgotla motheo wa ngwao
06 Jan 2015
Kgotla ke lefelo le le tshwanetseng go tlotlwa ka e le lone motheo wa ngwao ya Setswana.
E rile a bua kwa kamogelong semmuso ya go rolwa ga dikago tse di shafaditsweng tsa kgotla kgolo ya Bangwato kwa Serowe bosheng, Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, yo gape e leng kgosikgolo wa Bangwato, a tlhalosa fa kgotla e tshwanetse go tlotlwa ka e le gone kwa thulaganyo ya puso ya batho ka batho e simologang teng.
A re ke tshwanelo ya gore Batswana ba eme ka dinao go itse mosola wa dikgotla le go bona gore di mo seemong se se botoka gore le ngwao e kgone go babalesega.
O tlhalositse fa e rile ka 2012 a kopa Batswana ka kakaretso go tokafatsa seemo sa dikgotla tsa metse ya bone gore di lebege botoka gore bana ba itse fa e le tsone modi wa ngwao ya lefatshe leno.
O lebogile mophato wa Malwelamotse o a o eteletseng pele ka go tlhoka go ipona tsapa go tlhabolola dikago tsa kgotla le ntswa ene a nna a tshwerwe ke ditiro tse dingwe tsa setshaba.
A re mophato wa gagwe o dirile go go le gontsi ka kgotla ya Serowe jaanong ke nngwe ya tse dintle fela thata mo lefatsheng leno.
O lebogile gape ba Botswana Building Society go bo ba utlwile selelo sa bone gore ba eletsa go tlhabolola dikago tsa kgotla, mabitla le sefikantswe sa Tautona wa ntlha, jalo ba ba thusa ka P450 000.
Tautona o boletse gape fa a leboga go menagane molaodi wa kgaolo ya Legare, Mme Thabo Mapitse le monana Rre Kenneth Simon yo o thusitseng ka go dira ditshwantsho tsa dikago tseo.
E rile a tswa la gagwe, moemela mophato wa Malwelamotse, Rre Tebogo Sekgoma a leboga botlhe ba ba thusitseng mo go tlhabololeng dikago tseo.
A re jaaka e le bone mophato wa ga Tautona, ba dirile ka gotlhe gore le bone ba tsosolose ngwao e motheo wa yone o leng mo kgotleng.
Le fa go ntse jalo, Rre Sekgoma a re le fa tiro e ne e se motlhofo ntateng ya letlhoko la madi, o leboga ba lephata la maranyane le dikago go bo ba sa ipona tsapa go ba tswa thuso ka se ba se dirileng kwa mabitleng le kwa sefikantsweng sa Tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama.
Rre Sekgoma o lebogile le morafe ka kakaretso go tsenya letsogo go bona gore tiro eo e a atlega e bile e nna ya seemo se ba se batlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Go rolwa ga dikago tse di shwafaditsweng tsa kgotla
Date : 06 Jan 2015