Lenaneo la go ithekela dipeo le itumeletswe
06 Jan 2015
Balemi ba galaleditse lenaneo le lesha le ba le dirisang go reka dipeo tse ba tla a di dirisang mo pakeng eno ya temo.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, mongwe wa balemi ba motse wa Mbalambi, Rre Bapaladzi Mpoloka o tlhalositse fa lenaneo leo le tsile ka nako e e siameng ka ba tla a kgona go lema dijwalo tse ba di ratang le tse ba di tlhokang go na le go lema dipeo tse di felelang di sa ba sologele molemo.
Rre Mpoloka o tlhalositse fa morafe wa gaabo e le wa balemi ba ba ratang peo ya lebelebele ka jalo ba tla a kgona go reka peo ya lone e le ntsi go na le mo malobeng fa ba ne ba fiwa selekanyo se se rileng.
Fa go tshwantshanngwa le pele jaaka balemi ba ne ba tlwaetse go tseela dipeo kwa ofising ya ga molemisi, Rre Mpoloka a re ka lenaneo le le sha le ba tla a kgona go ya go reka dipeo tsotlhe tse ba di tlhokang ka nako go na le pele fa ba ne ba leta lebaka dipeo dingwe di seo kgotsa di tlhaetse.
A re mo nakong e e fetileng, dipeo dingwe di ne di tlisiwa morago ga nako bangwe ba setse ba feditse le gone go lema fa bangwe ba ne ba dirisa madi a bone go ithekela dipeo ka jalo lenaneo le le sha le siame ka le ba letla go reka dipeo tseo.
Molemi yoo a re le ntswa ba itumeletse diphetogo tse di tlisitsweng ke lenaneo le, e tla nna kgwetlho segolo jang mo go ba ba senang dikoloi gammogo le ba ba kobo dikhutshwane.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa balemi ba dirisa madi go pagama go ya go reka dipeo kwa toropong mme a supa fa bangwe ba sena one a ba ka pagamang ka one go latela dipeo tseo ka motse o ba o tshephileng thata wa Masunga o sena mafelo a a di rekisang.
Molemi yo mongwe go tswa kwa motseng wa Letsholathebe, Rre Gilbert Mangisi le ene o galaleditse lenaneo leo a supa fa a ratile thata sebaka se ba se filweng go reka peo e ba e batlang go sa kgathalesege gore ba e reka e le bontsi bo kae.
Rre Mangisi a re le ene o kgonne go ithekela dipeo tse a senang le tsone mo lwapeng ka morago ga temo e e fetileng o kgonne go ipeela dipeo tse dingwe.
A re o kgonne go reka peo ya lebelebele ka bontsi ka e le dijo tsa bone ga mmogo le ya mmidi le dinawa. A re o ne a sa tlhoke dipeo dingwe di tshwana le mabele ka a na le peo ya tsone e a neng a e bolokile mo temong e e fetileng.
E rile a tswa la gagwe, molemisi Mme Gagolelwe Kwele a re mo nakong eno balemi ba le lekgolo le sephatlo ba setse ba tsere dipampitshana tsa go ya go reka dipeo ka jalo a kopa botlhe ba ba saletseng morago go ikgolaganya le ofisi ya gagwe, segolo jang ka dipula di setse di phaitse.
A re puso e dumalane le mafelo a a farologaneng a a rekisang dipeo go thusa balemi ka dipeo tse ba di tlhokang mme ke yone e tla a duelang madi otlhe a dipeo tse molemi a di tsereng.
O supile fa peo e molemi a thusang puso go duela sephatlo sa tlhwatlhwa ya yone e le ya furu.
A re pele ga lenaneo le le simolola ba ne ba na le dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang tlhaelo ya dikoloi go ya go tsaya dipeo ka jalo seo se ba gotlhagotlhanya le balemi ka bone ka ba tlhalosa ba fa dielwa nako ya go lema.
Molemisi a re mo mabakeng a mangwe, dipeo tse dingwe di ne di tlhaela mme balemi ba kgona go ema lebaka di ise di goroge.
A re o bona lenaneo le, le ba rotse mokgweleo mme e bile a tlhalosa fa ba tla kgona go dira ditiro tse dingwe ka nako go na le go siana le dipeo. O gakolotse balemi go lema ka ditselana ka e le one mofuta wa temo e puso e o rotloetsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 06 Jan 2015