Ba rotloeditswe go tsena sekole ka botswapelo
06 Jan 2015
E rile ka Mosupologo (05/01/2014) baithuti ba ba yang go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, ba bo ba le mo dipuisanong ka tsa sekole gammogo le batlhokomedi ba bana.
E rile a bua kwa puisanong eo e e tshwarwang letsatsi pele ga dikole di bulwa, Mogokgo wa sekole seo, Rre Domi Motlhanke a kopa baithuti ba ba tsileng go simolola mophato wa ntlha kwa sekoleng seo go tsaya thuto ka tlhwaafalo.
Rre Motlhanke o kaile fa bontsi jwa baithuti ba sekole sa gagwe ba sa tsene sekole sentle mme go sena mabaka ka jalo a kopa bao ba mophato wa ntlha go tsena sekole ka botswapelo ka sekole e le selotlele sa botshelo.
O tsweletse a supa fa mo ngwageng o o fetileng baithuti ba sekole sa gagwe ba tshwara makgolo a mabedi (200) ba ne ba sa ya sekoleng pele ga malatsi a boipuso a goroga le gone go ikokeletsa malatsi one ao a boitapoloso a boipuso.
Are e le baeteledipele ba sekole ba ne ba tshwanelwa ke go busetsa baithuti bao go ya go tla le batlhokomedi ba bone go tla go tlhalosa mabaka a gore ke eng ba ne ba sa ya sekoleng.
O kaile fa batlhokomedi ba baithuti bao ba ne ba palelwa ke go ntsha mabaka a a nonofeling a go tshaba sekole ga bana ba bone.
Ka jalo Rre Motlhanke o ne a kopa le batlhokomedi go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka jalo e le yone e tlaa tsogang e ba tshetsa.
Fa a tswelela Rre Motlhanke o ne a tlhalosetsa baithuti le batsadi fa ba na le letlhoko la didirisiwa jaaka mantlwana a borutelo se a reng se feletsa se ba gwetlha go dirisa meriti e e agilweng mo sekoleng (outdoor teaching area) le ditlhare go rutela bana mo go tsone ka palo ya bana ba mophato wa ntlha e le bone ba leng bantsi ka palo.
O tlhalositse fa gape ba na le go nna le letlhokao dipampiri tse baithuti ba kwalelang ditlhatlhobo mo go tsone mme se ba tse tsotlhe ba setse ba di lebisitse lephata la thuto ka jalo ba letile ka pelotelele gore ba thusiwe dieemo tse.
Rre Motlhanke o ne a tswelela ka go tlhalosetsa batsadi le batlhokomedi ba baithuti gore bana ba bone ke diteemane tse di tlhokanang le go somarelwa mme a tswelela ka go kopa batlhokomedi le batsadi go ba itsise ka letlhoko la bone mo thutong ya bana gore ba tle ba thuse fa ba kgonang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Dipuisano tsa sekole
Date : 06 Jan 2015