Ditlhare di mosola
06 Jan 2015
E rile bosheng banana ba kgotla ya Thini mo motseng wa Tutume ba lema ditlhare tsa maungo kwa kgotleng ya bone morago ga mogwanto wa dikhilomitara di le masome a mane go tswa kwa motseng wa Mosetse go fitlha fa kgotleng ya bone.
Mongwe wa barulaganyi ba mogwanto oo, Rre Khumo Mmoloki a re tiro ya bone e simologileng bosigo gare ka nako ya lesome le bobedi e le go rotloetsa banana go itshidila mmele.
A re banana ka bontsi ga ba itse dikgotlana tsa bone gape ga ba lemoge fa ba tshwanetse go nna le seabe mo go godiseng dikgotlana tseo ka jalo go lema ditlhare tsa maungo tse di neng di kgaogantswe ka dikgotlana ke go lemotsha banana dikgotlana tsa bone gore ba di itse.
O tsweletse a re go dira mogwanto oo ke go rotloetsa banana go itshidila mebele ka ba tsaya nako ba a nwa majalwa mo go feteletseng segolo jang mo nakong ya malatsi a boitapoloso.
Fa a jala ditlhare tseo, mongwe wa komiti wa mogwanto oo, Rre Alfred Kgosinaga o kopile banni ba dikgotlana tseo go tlhokomela ditlhare tseo.
Rre Kgosinaga a re kgotlana nngwe le nngwe e na le setlhare sa yone ka jalo seo ke kgwetlho mo banning ba dikgotlana tseo go bona gore ditlhare tseo di a tlhokomelwa gonne se se swang go supagala fa kgotlana eo le yone e sule.
E rile a ba ema ka lefoko, kgosi ya Thini, Rre Billy Thini a lebogela tiro e ntle e e dirilweng ke banana bao.
A re ba botsogo ba rotloetsa batho go ja maungo mme go raya gore batho ba Thini ba tla nna le botsogo jo bo botoka nako ya ditlhare tseo di setse di ungwa.
Kgosi Thini a re se ba se dirileng ke go rotloetsa botsogo jo bo siameng mo setshabeng, a ba a ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe go rotloetsa le yone itshidilo mmele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Mogwanto le temo ya ditlhare ka banana
Date : 06 Jan 2015