Breaking News

Banni ba galalediwa ka boitshwaro jo bontle

06 Jan 2015

Mothusa Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane Assistant supritendent Foda, a re o leboga batho ba kgaolo ya gagwe go bo bane ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

Assistant Supridentant Foda a re ba gatisitse petelelo ko masimong a Ditawana, a tlhalosa fa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bone a beteletsweng ke ntsalae wa dingwaga tse di fagare ga lesome le bongwe le lesome le botlhano,atlatsa ka gore tiragalo e e diragetse mo lwapeng.

Supt Foda are ba gatisitse dikgang tsa go thubiwa ga dibara dile pedi ,ko Mmatshumo go thubilwe bara ya Obis ga utswiwa majalwa,motsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3000,fa kwa Letlhakane go thubilwe bara ya Zamalec le gone ga utswiwa majalwa,metsoko,le airtime tsa madi a kana ka P3700,le marekisetso a dijo a Sechaba go ne ga utswiwa metsoko ya madi a kana ka P979.00 le P40 a re tiragalo tse di diragetse bosigo ja ngwaga o mosha.

Supt Foda a re bane gape ba gatisa go thujwa ga matlo a le mararo ,a bolela fa go thubilwe ntlo kwa sekolong se golwane sa Motsumi ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P7600,ga thujwa ntlo ko sekoleng se se botlana sa supang ga utswiwa dithoto tsa madi a kana ka P3500,ga thujwa ntlo engwe kwa kgotleng ya Tawana mo Letlhakane ga utswiwa bolao le dikobo tsa madi a kana ka P3179.

Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Foda a re ba tshwere batho bale masome a mabedi ka molato wa g nwela bojalwa mo mekgwatheng,mme ba ba lefisa madi a kana ka P200,le batho ba le bane ba rekisang bojalwa pele ga nako ee beilweng, le a le mongwe wa bara ba lefisiwa madi a fagare P200 le P500.

O tweletse a re ba ne ba phatalatsa batho ba baneng ba dirile dipikinic ba sa kopa diteseletso,ba ne gape ba tshwara mongwe yoo neng a rekisa gone koo le ene a sena teseletso ya go rekisa ,mme ba mo a tlhola madi a akana ka P1000.

Supt Foda a re ba tshegeditse batho ba letso la Zimbabwe bale 29 mo diseleng tsa bone ,bale 25 ba tshwerwe ka molato wa go bereka ba sena diteseletso ,atlatsa ka gore ba ne ba busetse ba bangwe ba le lesome pele ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

Mo go tse dingwe Rre Foda a re ba tshwengwa ke tiriso ya motokwane e e ko godimo mo kgaolong ya bone ya sepodisi ,a tlhalosa fa ba tshwere batho bale bantsi ka motokwane ,segolo jang ko dikgorong tsa matlhoko a leruo tsa Makoba le Thalamabele,mo letsholong la bone la go emisa batho ba ba phuruphutsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 06 Jan 2015