Breaking News

Dipolaano di a gola kwa Takatokwane

06 Jan 2015

Mapodisi a Takatokwane ga a jesiwe di welang  ke go runya ga dikgang tsa dipolaano tse go belaelwang ele tsa marato tse mo go tsone go bolailweng basadi ba le babedi ga gobala bale babedi magareng ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha.

Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane Superintendent Ocean Maraganyane a re mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano o bolailwe ke mokapelo wa gagwe malatsi a mabedi morago ga botsalo jwa morena kwa masimong a Sekokwane ka go tlhabiwa ka sengwe se se bogale mo kgokgontshong mo ponong ya bana ba bone ba babedi pele a ruthaka mmagwe moswi ka molamu mo tlhogong a bo a mo roba letsogo.

Go tlhalosiwa fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome mararo le bone e rile morago a nwa botlhole ka maiteko a go ipolaya mme ba losika ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Takatokwane kwa a fetileng a fudusetswa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone mme go tlhalosiwa a setse a ntshitswe mo sepateleng. Rre Maraganyane a re le ntswa go ise go simololwe tshidilo maikutlo mo baneng ba moswi mme gone ba lephata la boipelego la khansele potlana ya Letlhakeng ba rulaganyeditswe bana bao go e simolola mo bogaufing.

Mongwe wa ba losika Mme Letty Lebaka a re e ne yare morago ga go utlwalela ka tiragalo eo  a ragogela kwa masimong a Sekokwane kwa a fitlhetseng moswi a tlhokafetse a kgaotswe kgokgotsho go lebega bana ba gagwe ba lekile go mo tlhapisa madi mo sefatlhegong ka tsholofelo ya gore a ka thanya.

Tiragalo e nngwe ke e mo go yone Superintendent Maraganyane a tlhalosang fa mosetsanyana wa dingwaga tse di masome mabedi le motso a bolailweng ke mokapelo wa gagwe letsatsi pele ga ngwaga o mosha ka go mo tsatsanka ka sengwe se se bogale mo mmeleng gone kwa Takatokwane. 

Malomaagwe moswi, Rre Kabo Hisang a re tiragalo eo e tlile morago ga gore mmelaelwa a nne le dipelaelo tsa gore moswi oa mo tsietsa a sena go mo fitlhela a robetse le monna yo mongwe mo ntlong mo maphakeleng a matona morago ga maitisong. O tlhalositse gore o ne a lebile ka poifo jaaka motlogolo wa gagwe a ne a tsatsankiwa ke mmelaelwa ka sengwe se se neng se lebega jaaka thipa pele a kopa thuso mo baagisanying. Batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tseo go tlhalosiwa ele ba kgotla ya Motlhware gone kwa Takatokwane.

Kgosi ya Takatokwane, Rre Makgabane Tsiane o supile fa go nowa ga majalwa phetelela go tlhotlheletsa boitaolo jwa bana ba ba tlhaelang kgalemo ya botsadi gammogo le marekisetso a majalwa a sa obameleng tsamaiso ya dikgwebo. Kgosi a re go a gakgamatsa gore dingwe tsa ditiragalo tseo go bo go tlhalosega di diragala go duwa kwa maitisong a dino tsa bojalwa. 

Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Letlhakeng e bile ele mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi le ene o nyaditse boikarabelo jwa botsadi jo a reng bo lolea fela thata.

Mongwe wa batsadi, Rre Titus Martius o kgadile mokgwa wa go tlhakanya banna o a reng o atile mme o rotloediwa ke batsadi bangwe go lebilwe go ja ka jalo go phuaganngwe ba ba sa tlholeng ba tswa dipe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : LETLHAKENG

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 06 Jan 2015