Banana itshekatshekeng - Kgosi
06 Jan 2015
Kgosi Opelo Ntshwarelang wa motse wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore e re jaaka ngwaga o simolola jaana banana ba itshekatsheke gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba tse ba tla di salang morago.
O buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa bontsi jwa banana ba lebanwe ke kgwetlho ya go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng gareng ga tse dingwe di akaretsa tiriso ya dinotagi, boimana jwa banana ba dingwaga tse di kwa tlase gammogo le go tlhoka go dira sentle mo dithutong.
A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang dikgang tse ke gore banana bangwe ga ba iphe nako ya go itshekatsheka go bona gore ba ka sala tsela efe morago.
O supile fa bangwe ba tsietsega ka ba retelelwa ke go ipatlela tsela e ba ka e salang morago go itirela isago e e kgatlhisang. Kgosi Ntshwarelang a re go botlhokwa gore banana ba tseye ditshwetso tse di maleba gore ba seka ba iphitlhela ba wetse ka lemena.
O ba rotloeditse go dirisa mananeo a ba a beilweng pele ke pus mme a gatelela thata mo go a a rotloetsang go tlhabolola dithuto. A re mananeo a akaretsa la Back-to-school le BOCODOL a tlhametswe go thusa banana ba ba reteletsweng ke go fetela kwa pele gore ba itsose le bone ba goroge kwa ditorong tsa bone.
Kgosi Ntshwarelang o gakolotse gore go tlhoka go dira sentle mo sekolong ga se phelelo e bile ga se gore motho o tshwanetse go inaakanya le maitsholo a a sa amogelesegeng.
Go sale foo, o supile fa a itumedisitswe ke kagiso e e neng e rena mo motseng fa go amogelwa ngwaga o mosha ka a re ga ba a bona epe tiragalo e e fatlhang.
A re banni ba motse oo ba ne ba ile dikhwaereng fa bangwe ba ne ba itiretse maitiso mo malwapeng a bone mme e bile a supa fa barekisi ba bojalwa le bone ba ne ba obamela dinako tsa thekiso.
Kgosi a re sengwe gape se se mo itumedisitseng ke dikgaisano tsa kgwele ya dinao tse di neng di tshwerwe mo dikgotleng tsotlhe tsa motse ka go farologana ka di ne di kopanya banni ba motse.
O supile fa a kgatlhilwe ke go bona bontsi jwa banana ba ne ba tsaya karolo mo dikgaisanong tseo mme a supa fa seo se ba rotloeditse go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 06 Jan 2015