Morafe ga o tsene diphuthego
06 Jan 2015
Bogogi jwa motse wa Sefhare mo kgaolong ya Tswapong ga bo itumedise ke banni ba ba sa tseneng diphuthego tse di bidiwang ke kgosi, maphata a puso le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mo potsolotsong le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sefhare, Rre Orapeleng Orapeleng o boletse fa banni ba ba bonalang thata mo diphuthegong ele babereki ba Ipelegeng le ba Cluster Policing fela.
O akgotse bagodi ba ba mmalwa ba ba santseng ba kgona go totobela kwa kgotleng.
A re bontsi jwa batho ba bonala fela thata mo diphuthegong tse di biditsweng ke matona a puso jalo a rotloetsa banni ba Sefhare go tsaya phuthego nngwe le nngwe ka tlhoafalo gonne a re go tlhoka go tsena diphuthego ga morafe ke nngwe ya dilo tse di diyang ditlhabololo mo motseng.
O kaile gore diphuthego tse gantsi di a bo di biletswa go tla go kopa megopolo mo morafeng jalo go tlhoka go di tsena ke go diya puso go tsaya ditshwetso tse di lebaneng.
O tsweletse a re diphuthego di biletswa morafe go rotloetsa mowa wa therisano le tirisano mmogo mo setshabeng jalo a rotloetsa banni go ikitaya ka thupana gore ba seka ba salela kwa morago. A re bagodi ba ba sa kgoneng le balwetse ke bone fela ba ba ka salelang morago mo go tseneng diphuthego.
O kgadile ba ba sa tseneng diphuthego ntle le lebaka lepe mme morago ba tshwenye ba ba di tsenang ka go ba kopa molaetsa o o neng o buiwa kwa phuthegong.
Rre Orapeleng a re selo se sengwe gape se se tshwenyang ke batho ba ba sa tseneng diphuthego mme morago ba begele matona a puso diemo tse di kabong di sale di rarabolotswe ke bogogi ja motse go santse go na le nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : SEFHARE
Event : Potsolotso
Date : 06 Jan 2015