Breaking News

Kereke ya BCCCZ e abetse bana

05 Jan 2015

E rile bosheng bana ba le lekgolo masome a mararo le bobedi ba motse wa Omaweneno ba amogela ngwaga o mosha ka boitumelo jaaka ba ne ba abelwa dimpho ke ba kereke ya Bethlehem City of Christ Church in Zion, BCCCZ.

Fa a aba dimpho tseo, mookamedi wa kereke eo Mme Elizabeth Ntwaetsile o kaile fa phuthego eo e ne ya gwetlhiwa ke go bona letlhoko le le ntsi kwa motseng oo le gone go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo baneng.

Mookamedi Ntwaetsile yo o kileng a nna mokhanselara wa kgaolwana ya Omaweneno/ Kisa/ Maralaleng o kaile fa mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso ba tshwanelwa ke go itshekatsheka go supa lorato mo go ba bangwe.

O kaile fa kereke ya bone e lemogile botlhokwa go abela bana bao bogolo jang ka dimpho tseo di tla ba thusa ka dikole di le gaufi le go bulwa ka bangwe batsadi ba sa kgone go rekela bana ba bone dilwana  gonne bontsi jwa bone ba le dikobo dikhutswane.

Mme Ntwaetsile o tsweletse ka go tlhalosa fa a iketshitshe setlhabelo boemong jwa kereke eo ka go abela bana ba dikhutsana, ba-na-le-bogole le bana ba kereke eo ba le 132 dimpho di akaretsa melora le dimonamone tse di lopileng P15 542 00.

A re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a supa kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka go agela bangwe matlo kwa motseng oo wa Omaweneno.

Fa a lebogela dimpho tseo, mongwe wa dikgosana tsa motse oo Rre Matanka Simane o galaleditse kereke eo fela thata a bolela fa ba dira tiro e ntle bogolo jang ka ba abetse bana ka bana ele mpho e e botlhokwa e e tswang kwa Modimong mme e bile ba tshwanelwa ke go tshwarwa ka matsetseleko, go tlhokomelwa le go fiwa lorato ka nako tsotlhe.

Kgosana Simane yo e bileng gape e le moruti wa kereke ya E.R P Unity Church kwa motseng oo, o supile fa Mme Ntwaetsile a na le ponelopele ka a tswa kgakala ka go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato mo setshabeng ka go kgaogana le sone se a nang le sone.

Kgosana Simane o gwetlhile dikereke tse dingwe , maphata a puso ka go farologana le setshaba ka kakaretso go nna le boikarabelo ka go nna le seabe le gone go tsaya malebela mo go se Mme Ntwaetsile a se dirileng mme a mo kopa go tswelela a dira tiro e ntle eo ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Kabo ya dimpho

Date : 05 Jan 2015