Breaking News

Goledzwa ba rotloetsa botsogo jo bo siameng

30 Dec 2014

Maloko a komiti ya Goledzwa ya kgwele ya dinao mo Tutume ba supile mowa wa kutlwelo botlhoko ka go etela le go abela balwetsi kwa kokelong e potlana ya Tutume dimpho ka go farologana tse di lopileng dikete di le pedi tsa dipula.

Fa a bua jaaka ba ne ba rola dimpho tseo, mogolwane wa komiti eo Rre Edmond Molefhe a re le ntswa ba direla kwa ditoropong le metse e sele, le bone e le beng gae ba bone go tshwanela gore ba dire tiro nngwe ya go supa ya bobelotlhomogi mo motseng wa bone.

Ka jalo a re ba ne ba thulanya ditlhogo le bagolwane ba motse mme ba tsaya tshwetso ya go etela le go abela balwetsi dimpho tse di akaretsang maungo ka go farologana, melora e e tlhapang le tse dingwe  tsa botlhokwa.

Rre Molefhe a re maikaelelo a go aba dimpho ke gone go supa fa banni ba tshwenyega ka seemo sa balwetsi a tlatsa fa seo gape e le go ba tiisa moko mme gore ba nne ka tsholofelo.

O supile fa madi a ba a dirisitseng go reka dimpho tse o,e le bontlha bongwe  jwa dipoelo tse ba di dirileng ka letsatsi la keresemose jaaka ba  ne ba duedisa babogedi ba dikgaisano tsa  kgwele  ya dinao.

A re e setse e le ngwaga wa boraro ba ntse ba abela balwetsi dimpho, mme a tlatsa ka go supa fa ngwaga le ngwaga, ba aba sengwe se se pharologanyo se se rotloetsang botsogo le pabalesego.

Fa a amogela dimpho tseo mo boemong jwa bagolwane ba kokelo e, Mme Nametso Moatswi o supile fa ba leboga go bona banni ba motse batla go ba lekola, a re seo se ba supegetsa fa ba se nosi mo loetong la go tlhokomela balwetsi.

Go sa le foo, komiti ya Goledzwa e ne gape ya etela kgotla ya motse o mme ba aba dikete tse tharo tsa diPula go thusa mo kagong ya leobo le le sha.

Rre Molefhe o ne gape a tlhalosa fa ngwaga o e le wa boraro ba ntse ba abela tiro ya kago ya leobo madi, a tlhalosa fa mo nakong eno ba setse ba abile dikete tsa diPula di le boherabobedi.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Alphonse Nsala o akgotse maloko a komiti eo a supa fa a itumedisiwa ke go bona banni ba motse ba ba direlang kwa ditoropong ba kgona go abelana megopolo le ba bangwe mo gae mme ba dira ditiro tsa boleng jo bo kgatlhisang.

A re se komiti e  e se dirang ke maiteko a mantle, e bile ba sa ikaega fela gore ditlhabololo tsotlhe mo motseng di tla goroswa ke puso.

Kgosi o ne a kaa fa go abela balwetsi maungo ga komiti e, go rotloetsa katlego ya letshego le le rotloetsang botsogo jo bo siameng ka ngwaga wa 2016. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Kabo Dimpho

Date : 30 Dec 2014