Breaking News

Kokotsha o ipelafatsa ka mabelo a dipitse

29 Dec 2014

E rile kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa ya bo e le semphete ke go fete jaaka banni ba Kgalagadi ba ne ba phuthaganetse kwa motseng wa Kokotsha go ya go bogela mabelo a dipitse.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang dikgaisano tseo, Rre Jan Vissagie o kaile fa e sale ba simolotse go tshwara dikgaisano tseo ka 1996 ka moono wa  go kokoanya setshaba go lo go le gongwe go itlosa bodutu le gone go ntsha banana mo go direng dilo tse di duleng mo tseleng.

O boletse fa dikgaisano tseo di gola ngwaga le ngwaga fa e sale ba di simolola kwa morakeng wa Homemood gaufi le motse oo. Rre Vissagie o supile fa dikgaisano tseo e le go tlhagolela tsela tse di tla a tshwarwang ngwaga oo tlang ka Phukwi.

Rre Vissagie o boletse fa ba le lesego ka ba setse ba bone dithuso tsa P52 000.00 go tswa mo dikomponeng tse di farologaneng di akaretsa B&M Drilling, Blue Saturn, MLS Mining Solution le YAMADA.

A re madi ao a tla ba kgontsha go duela bafenyi ba mabelo a dipitse ba sa ikaega fela ka madi a go tsena jaaka pele. Rre Vissagie o boletse fa mo nakong e e tlang ba ikaelela go tlhabolola lebala le go tshwarelwang dikgaisano tseo mo go lone ka go le teratelela, go aga matlo a boroko le a boitiketso.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang mabelo a dipitse kwa motseng wa Kokotsha, Rre Kabo Medupi o tlhalositse fa tiro ya bone e se motlhofo ka e tlhokana le lorato, tirisanommogo le bopelotelele. Rre Medupi o supile fa banni ba kgaolo ya Kgalagadi ba rata go rua dipitse fela thata, selo se a reng se dirile gore ba rotloetsege go simolodisa dikgaisano tsa mabelo a dipitse mo motseng oo.

Rre Medupi o tsweletse a re le fa go ntse jalo go na le dikgwetlho tse ba kopang le tsone di tshwana le go thapa bakatisi le barutuntshi ba dipitse gore di nne mo seemong se se siameng sa go tsenelela dikgaisano.

A re go botlhokwa gore dipitse di katisiwe pele di tsenelela dikgaisano ka di ka nna borai gonne ke diphologolo. Rre Medupe o  rotloeditse banana ba kgaolo eo go kopa dithuso mo lephateng la banana, metshameko le ngwao gore ba kgone go reka dipitse e le tsela nngwe ya go tokafatsa matshelo a bone le go tlhamela ba bangwe mebereko, a kaya fa seo se ka godisa le tsone dikgaisano tota.

Mongwe wa beng ba dipitse tsa Thorough tse di tumileng thata ka go dira sentle mo dikgaisanong tseo, Rre Phillip Ditshabeng yo o tlholegang kwa Serowe o kaile fa a na le dipitse di ferabobedi tse di tsenelelang dikgaisano tseo ngwaga le ngwaga mme a re mathata ke gore go tlhokomela dipitse go turu fela thata jalo lemmenyana le ba atswiwang ka lone ga le lekane ka jalo a kopa dikompone tse dingwe go thusa komiti eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Kokotsha

Event : Mabelo a dipitse

Date : 29 Dec 2014