Letlhoko la madi le phirimisa ditoro
29 Dec 2014
Letlhoko la madi le tsweletse ka go phirimisa maitlamo le maikemisetso a lenaneo la motse wa Sebina la tlhokomelo ya bana ba dikhutsana gammogo le bagodi.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, moeteledipele wa lenaneo le Mme Gape Moshabi a re ba tsena ntlo le ntlwana ba tlhola balwetse, segolo jang ba ba amilweng ke HIV /AIDS le bagodi ba ba sa kgoneng go itira sepe mme e bile ba sena tlhokomelo. Mme Moshabi a re ba isa bana ba bannye mo sekolong sa bone sa bananyana fa ba bagolwane ba ba thusa go bona diphatlha mo dikolong tsa ithutelo tiro ya diatla tsa Marobela, Zwenshambe le Marapong.
O tsweletse a re ba tlhamile mokgatlho wa bana go amogana le bone dithuto ka HIV/ AIDS, boimana jwa banana gammogo le boitshwaro.Fa a itebaganya le tlhokomelo ya ba ba mo malwapeng, Mme Moshabi a re ba nale kgwetlho ka balwetse bangwe ba solofela fa ba tla bona dijo mo go bone segolo jang ba ba di tlhokang.
Mme Moshabi a re le ntswa letlhoko la madi le ba apesitse kobo ka letshoba, ba leka ka bojotlhe go bona gore ba lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS ka dithuto tse ba di amoganang le ba ba amilweng ke mogare oo le ntswa ba palelwa ke go ba latlhelela se se jewang. A re ntle le tsa madi, ba kopana le dikgwetlho di tshwana go sa nwa diritibatsi sentle gammogo le go ima kgapetsakgapetsa ga ba ba tshelang ka mogare.
O boletse fa ba leka ka bojotlhe go ba gogela kwa go ba bongaka gore ba buselediwe gape mo kalafing mme morago ba ba sale morago go bona gore ba nwa diritibatsi tseo go ya ka taelo ya ba bongaka. Mme Moshabi o tlhalositse gore bontsi jwa banana ba nna thata mo majalweng jalo ba lebale go nwa diritibatsi fa bangwe ba ima kgapetsakgapetsa le ntswa go sena tlhokomelo mo lwapeng.
A re bothata jo bongwe ke jwa bomme ba ba sa itsiseng borre ba ba tshelang le bone ka seemo sa bone segolo jang banana.
Mo go tse dingwe, Mme Moshabi a re ba tshwentswe ke banana ba ba nnang le borre kwa ntle ga nyalo ka bontsi bo felela bo kgokgontshiwa.E rile a tswa la gagwe, mongwe wa baithaopi, Mme Onalenna Bikani a re o eletsa gore ba ka bo ba na le lefelo le ba tlhokomelelang bana le bagodi mo go lone mme ka ba tlhoka madi ga ba kgone go fitlhelela seo.
A re banana ga ba fe bana ba bone tlhokomelo e e tshwanetseng mo gongwe ba ba tlogela ba le esi go se ope yo o ba beileng leitlho. Mme Bikani a re o eletsa go bona tirisano mmogo magareng ga bone le bommaboipelego go thusana go lwantsha dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.
Mongwe wa baithaopi go tswa kwa motseng wa Mosojane, Mme Iwani Mapini a re batsadi ba itlhokomolosa botsogo jwa bana ba bone.
A re go na le bana ba ba dirisang dipilisi tse di ritibatsang mogare mme batsadi ba sa itsise barutabana ka bana bao gore ba itse gore ba ba tlhokomela jang segolo jang ka nako tsa maeto a sekolo.O boletse gore barutabana ba felela ba tsamaya le bana ba le mo lefifing mme e bile le bana ba teng ba sa kgone go tshwara le yone nako ya go nwa dipilisi.
Badiredi ba lenaneo le ba ikopetse thuso mo go botlhe ba ba ka ba thusang ka madi go ikgolaganya le bone gore ba kgone go tlisa pharologanyo mo matshelong a ba ba amilweng ke HIV/ AIDS mmogo le mo baneng ba dikhutsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : SEBINA
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2014