Kotsi ya tsela e gapile botshelo
29 Dec 2014
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le bone (24) o tlhokafetse morago ga gore koloi e a neng a tsamaya ka yone e thule dikgomo tse pedi gaufi le Makopong.
Go ya ka mookamela mapodise a Werda Supurintendent Mompoloki Ramatsia, tiragalo e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bone bosigo.
Sup Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa monna yoo a ne a kgweetsa koloi ya modiro wa Mazda 323 mme a ne a le nosi.
Mookamela mapodise a Werda o supile fa go belaesega fa koloi eo e ne ya tswa mo taolong ya mokgweetsi morago ga go thula dikgomo tse pedi mme ya thula setlhare.
Sup Ramatsia o kaile fa e ne ya re morago ga tiragalo eo monna yoo a ragosediwa kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fitileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokakafetse.
Rre Ramatsia a re mo nakong ya gompieno serepa sa moswi se kwa setsidifatsing sa Tsabong go tlhatlhobiwa ke ba bongaka.
Mookamela mapodisi a Werda o tlhomamisitse fa moswi a tlholega kwa Moshupa mme ba masika ba setse ba itsisitswe fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse.
Mo go e nngwe tiragalo Sup Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa rre wa dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le masome a mane a ne a thula ditonki tse tharo gaufi le Kokotsha.
O kaile fa tiragalo e diragetse ka kgwedi eno e le masome a mabedi le bone motshegare wa sethoboloko.
Sup Ramatsia o boletse fa monna yoo a ne kgweetsa koloi ya modiro wa Hilux 4X4, mme a falotse ka bobi jwa segokgo ka a ne a seka a bona dikgobalo dipe.
Kwa bokhutlong Rre Ramatsia o ne a gakolola bakgweetsi, badirisa-tsela le setshaba ka kakaretso go tsamaya go sa ntse go bonala mo tseleng eo. O ne a kopa gape bakgweetsi go tsamaya ka lobelo lo lo letlelesegang ka nako tsotlhe.
A tlatsa ka go gakolola bakgweetsi go ela tlhoko tsela ya A20 ya Tsabong/Kokotsha fa ba tsamaya mo go yone ka e le tshesane, dikhuti e bile e sa agelelwa. BOKHUTLO.
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2014