Mapodise a Kanye a tlhotlhomisa dipetelelo
29 Dec 2014
Mapodise a Kanye a tlhotlhomisa dikgang tsa petelelo di le nne tse di diragetseng fa gare ga kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi go tsena e le masome a mabedi le borataro monongwaga.
Se se tlhomamisitswe ke motshwarelela mookamela mapodise a Kanye, Assistance Suprientent Mogogi Mathaba mo potsolotsong le BOPA ka Labotlhano Sedimonthole 26.
Asp Mathaba a re ba begetswe tiragalo e mo go yone go beteletsweng mme wa dingwaga tse di masome a marataro le boferabongwe le ngwana wa ngwana wa gagwe ke selalome se se neng se ba tseneletse mo tlong ka tsatsi la keresemose.
A re mme yoo le ngwana wa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di lesome le boferabobedi ba re ga ba itse gore selalome se se tsene jang mo ntlong ka le go se utlwa se tsena ga ba se utlwa, ba bone fela se setse se tima dipone.
Asp Mathaba a re go bolelwa e rile go tsena selalome se sa tima dipone mme sa simolola go phoraphora mosadi mogolo le morweetsana morago a itseela dikobo ka dikgoka mo go bone ka go latelana mme a tsena ka lenga la seloko.
A re mo mosong wa Sedimonthole 26, mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi o ba begetse fa a beteletswe ke mongwe a sena go folosiwa ke ditsala tsa gagwe kwa lapeng maphakela a magolo a tswa maitisong kwa The Ark night club.
ASP Mathaba a re mosetsana yoo, yo go neng go lebega a itshietse a re fa ditsala tsa gagwe di sena go tsamaya go ne ga betsega mongwe a mo tshwarwa a bo a itseela dikobo ka dikgoka mo go ene a mo tshosetsa gore fa a ka tlhaba mokgosi o tlaa mmolaya.
A re mosetsana yo mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bone le ene o ne a bona mathata ao a tswa maitisong teng kwa The Ark night club kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi.
O boletse fa mosetsana yoo a tlhasetswe a na le tsala ya gagwe yo e ne a neng a iphalotsha ka go sia mme selalome sa kgona go tshwara yo, sa itseela dikobo ka dikgoka.
ASP Mathaba a re baratani bangwe ba ne ba tlhoka kutlwano kwa Lotlhakane East ba le kwa maitisong kwa Selosesha mme ba ya go robala go tsewa gore ebepile.
A re erile mo mosong wa letsatsi le lelatelang, wa monna a tsatsanka wa mmenyana ka sengwe se se bogale.
Fa dikgang di eme jalo ASP Mathaba a re go ne ga thubiwa marekisetso mangwe mo toropong ya Kanye kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro ga bo ga utswiwa P200 le sekapa ditshwantsho, a tlhalosa fa se se tshwanetse sa bo se dirwa ke batho ba ba nang le kitso ya di CCV.
O boletse gape fa ba nnile le dikgang di ferabobedi tsa batho ba ba neng ba tswala marekisetso a bojalwa morago ga dinako tse di beilweng le ba ba neng ba nwela ka fa ntle ga marekisetso.
ASP Mathaba a re fa go tsena malatsi a, bangwe ba kgona go rekisa bojalwa lemororo ba sena diteseletso tsa go bo rekisa, a re batho ba go nna jalo ba kgona go atlholwa P1 000 kgotsa ba isiwe fa pele ga kgotla ya ditsheko.
A re gantsi ba ba isa kwa kgotleng ya ditsheko fa e se lantlha ba dira molato wa mofuta oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 29 Dec 2014