Breaking News

Monna o thubeditse ngwana

24 Dec 2014

Mapodisi a Mochudi a tshegeditse monna mongwe, yo dingwaga tsa gagwe di sa rurifadiwang, ka molato wa go thubetsa ngwana wa gagwe yo o dingwaga di tlhano.

Go ya ka mookamela mapodisi a Mochudi, Supt Olebile Sitale, monna yoo, o itshupile fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le masome mabedi le boraro.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Sitale, a re monna wa dingwaga tse masome mane o shwetse mo ntlong kwa masimong a Matlatlagwe mo kgaolong ya Kgatleng kgwedi eno e le masome mabedi. A re monna yo ke wa kgotla ya Mabodisa kwa Mochudi.

A re monna yoo, o fitlhetswe ke ba lesika. Supt Sitale a re bangwe ba lesika ba ne ba simolola go tlhobaela fa ba lemoga gore moswi ga a tlhole a bua le bone jaaka pele ka melaetsa ya mogala wa letheka, ka jalo ba ne ba ya go mo tlhola.

A re setopo se kwa setsidifatsing kwa kokelong ya Princess Marina mo Gaborone go tlhatlhobiwa ke dingaka.

Supt Sitale o tlhalositse gape fa ba tshegeditse mosimane mongwe yo dingwaga tsa gagwe di sa rurifadiwang, mabapi le go tshuba ntlo ya mme mongwe kwa Artesia kgwedi eno e le masome mabedi.

Rre Sitale o boletse fa ka lesego, mme yoo a ne a falola kwa ntle ga dikgobalo dipe. Ditlhotlhomiso tsa sepodisi di supa fa mosimane yoo, a ne a ratana le ngwana wa mosadi yo a mo tshubetseng ntlo. Mmelaelwa o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla go arabela melato ya gagwe.

Mogolwane wa mapodise o kaile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse masome mararo le botlhano a neng a thulwa ke koloi ka Labotlhano (Sedimonthole 19) bosigo go bapa le marekisetso a magolo mo Mochudi (Mall).

A re monna yoo, o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial mme ka go tlhoka lesego, a tlhokafala letsatsi le le latelang. Rre Sitale o ne a tlhalosa fa ba tshegeditse mokgweetsi wa koloi e e neng ya thula moswi.

O ne gape a supa fa mokgweetsi wa koloi eo, a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla go ya go arabela molato. Supt Sitale o kaile fa ba ipapaanne sentle mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha, a tlhalosa fa ba okeditse palo ya mapodise go bona gore setshaba se sireletsegile bako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 24 Dec 2014