Bogodu ga bo jese kgosi diwelang
22 Dec 2014
Kgosi wa Tumasera mo kgaolong ya Tswapong a re o tshwenngwa ke gore fa go tsena malatsi a keresemose le ngwaga o mosha banana ba motse oo le bagwebi ba bojalwa ba simolola boitshwaro jo bo duleng mo tseleng.
Kgosi Kelapile Maleele o tlhalositse mo potsolotsong gore nnotagi e dirisiwa phetelela mme morago go simologe dintwa tse mo go tsone go dirisiwang ditlhabani tse di bogale.
Kgosi Maleele a re bangwe ba dirisa malatsi a go utswa leruo kwa merakeng. A re selo se sengwe se se mo tshwenyang thata ke bagwebi ba bojalwa ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ka malatsi ao ntswa ba tshela ba di obamela.
A re fa mapodise a sena go laola gore marekisetso a tswale bagwebi ba sala ba bula gape fa mapodise a hulara. Kgosi o boletse gape gore fa go na le loso mo motseng ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha bontsi jwa banana ba palelwa ke go lo tlotla ka ba tsosa modumo o o feteletseng.
O supile fa diemo tse di mo tshwenya thata le ntswa fa gare ga ngwaga go se maswe. Kgosi Maleele o boleletse banana gore malatsi a, ga se a borumolano, ka jalo a kopa setshaba gore se a dirise ka fa tshwanelong go itumedisa masika le ditsala. O kopile batsadi go tiisa lentswe la kgalemo mo baneng.
Kgosi o boletse gore o lemogile gore bontsi jwa banana ba ba tlhagelelang thata mo borukutlhing jo, ke ba e a bong e le gone ba fetsang mophato wa boraro le wa botlhano kwa dikoleng tse dikgolwane mme o ba gakolotse gore botshelo jo bontle bo a ipetlelwa ka ditiro tse dintle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 22 Dec 2014