Emelang dikgang tsa botsogo ka dinao
14 Mar 2013
Mothusa tona mo lephateng la botsogo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a re Batswana ba maoto a tshupa mo dikgannyeng tse di amang botsogo jwa setshaba.
Rre Matlhabaphiri, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Molepolole bokone, o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Kalamare.
A re Batswana bangwe ba na le mokgwa wa go itsemeletsa go ya go bona ba bongaka le mororo ba na le dikai tsa malwetse a a diphatsa jaaka jwa HIV/AIDS le kgotlholo e tona a a reng a gomagometsa go nyeletsa tshaba yotlhe.
Mothusa tona a re e re ntswa puso e tsere matsapa a go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa kgotlholo e tona le segajaja sa AIDS ,o tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba inaakantse le dino le mororo ba santse ba thusiwa ka kalafi ke badiri ba lephata la gagwe.
Rre Matlhabaphiri o boleletse morafe wa Kalamare gore lephata la gagwe le tlhokisiwa boroko ke batho ba ba santseng ba gana go itlhatlhobela mogare wa HIV gore ba kgone go ikitse seemo le ba ba itlhokomolosang dikgakololo tsa ba botsogo jaaka go gana go dirisa dikhondomo le go ikgapha mo go nweng majalwa fa ba le mo kalafing.
A re dipatlisiso tse di dirilweng di supa fa go ara letlalo la bonna go thibela kanamo ya mogare wa HIV ka selekanyo sa 60%.
A re lephata la botsogo le simolotse thulaganyo ya loaro la borre go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Rre Matlhabaphiri o boletse gore ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke metsi, o kopa Batswana ba ba dirisang metsi a matamo le megobe mo dikgaolong, go bidisa metsi a go nna jalo go bolaya megare e e ka ba tsenyang malwetse a tshwana letshololo la bana le malaria.
E rile mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele a tswa la gagwe a kopa baagi ba Kalamare segolo jang banana go itlhatlhobela mogare wa HIV le go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang gammogo le go dirisa dikausu go tila go tsenwa ke malwetse.
Rre Makgalemele o tsweletse ka go kopa mothusa tona go agela batho ba Kalamare ntlwana ya pelegiso ka jaana kokelwana eo e thusa le batho ba masimo a a mo tikologong gammogo le ba meraka ya Rakabeswa.
O lebogetse mothusa tona go etela kgaolo ya gagwe go lekodisa batlhophi ba Shoshong ka ditiro tsa lephata la gagwe gammogo le dikgwetlho tsa lephata leo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thebeetsile Orapeleng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Mar 2013






