Balemi bangwe ba sia le phane
22 Dec 2014
Go a tshwenya go bona balemi ba santse ba kgona go phuaganya masimo ba ya phaneng.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mothusa kgosi ya Tumasera, Kgosi Gaborapelwe Baitswi a re balemi ba ba santseng ba na le mogopolo oo ba tshwanetse go otlhaiwa ka ba folodisa maiteko a puso a go tokafatsa maduo a temo le ntswa ele yone botshelo jwa Motswana.
Kgosi Baitswi o tsweletse ka go supa fa motse wa bone e le mongwe wa e e gaufi le mafelo a go bapalwang phane mo go one ke ka moo dikgang tse di ama motse wa bone fela thata. O gakolotse banni gore e re fa ba ntse ba bapala phane jaana ba gakologelwe melao yotlhe e e tlhomilweng ka fa tlase ga go gweba ka yone.
Kgosi Baitswi o supile gape gore go bapala phane go na le ditlamorago tse di sa siamang di akaretsa go timela ga batho ba ba e bapalang, jalo a rotloetsa babapadi ba phane go ikela tlhoko mo seemong se se tshwanang le se.
Mme Balathilwe Mothobi wa motse wa Seleka o tlhalositse fa e le molemi e bile e le mmapadi wa phane mme a re le ntswa a rata go bapala phane jaana o tlhaloganya gore temo ke yone konokono.
Mme Mothobi o boletse gore ga a ke a phuaganya masimo a bo a sia le phane.
A re o dira tse di tlhokegang kwa temong e bo e re morago ke gone a itse go tsena fa gare ga setlhare sa mophane.
Mme Mothobi o kopile babapadi ba phane gore ba itse gore phane ke selo sa nakwana se se sa tshwanelang go ba lebatsa selo sa sennela ruri jaaka temo.
A re go botoka go tlogela masimo le mongwe yo o tshephagalang go na le go a tlogelela leruo gore le a senye.
O akgola puso go bo e tsweletse ka go ba fa dithuso mo temong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Tumasera
Event : Potsolotso
Date : 22 Dec 2014