'Nnang podi matseba '
22 Dec 2014
Mapodisi a kopa setshaba go ela tlhoko dilalome tse di ikaeletseng go amoga batho dithoto tsa bone bogolo jang ka ele nako ya malatsi a botsalo jwa Morena.
Ramapodise a Mochudi, Superintendent Olebile Sitale o buile se mo potsolotsong morago ga gore bomme bangwe ba amogiwe dithoto tsa bone ke dilalome ba sena go pagama koloi nngwe kwa mapalamelong a Taung kwa Gaborone.
Superintendent Sitale a re ba amogetse dikgang tsa go thukuthiwa ga bapagami go tswa kwa Taung mme go direlwa tiro eo mo sekgweng se se bapileng le motse wa Bokaa.
A re mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o thukuthilwe ke borre bangwe bosheng morago ga go palama koloi ya modiro wa Corolla go tswa Gaborone kwa mapalamelong a Taung mme yare ba lebile Bokaa ba tsena ka ene mo sekgweng ba mo tseela madi, megala ya letheka le dilotlolo tsa koloi.
Ramapodisi a re go borai fela thata gore o le mme o bo o palama koloi go le borre fela mo teng kwa ntle ga e le gore o itse gore ke bomang e bile ba tswa kae. Supt Sitale a re mo tiragalong e nngwe, mme mongwe yo o neng a ya ntlheng ya bokone o ne a palama koloi nngwe e ntse e le ya modiro wa Corolla mme ya re e lebile Bokaa le yone ya tsena mo sekgweng ka ene mme ba mo thukutha madi le megala ya letheka.
A re mme yoo wa letso la Zimbabwe o ne a tswa kwa Aferika Borwa mme a welwa ke seru seo a le mo mosepeleng go ya bokone jwa lefatshe leno.
O kopile setshaba go nna podi matseba mo dilalomeng tseo le go bega dipelaelo dipe tse di ka thusang go tshwara borre bao. Supt Sitale o kopile bapalami ba dikoloi go nna ba tsaya dinomoro tsa dikoloi tse ba di palamang gonne seo se ka thusa go latedisa motlhala wa koloi eo fa go ka nna le mathata mo tseleng kana sengwe sa ba diragalela.
Mo go tse dingwe, mapodisi a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla ya Makgophane mo Mochudi a latlhetseng ngwana mo ntlwaneng ya boitiketso. Supt Sitale a re mme yoo o robaditswe kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial gone mo Mochudi mme o tla lebisiwa molato wa go fitlha tsholo.
Supt Sitale a re ngwana yoo, yo go tlhomamisetsweng a tlhokafetse o bonwe ke mongwe a ile go tlhola gore a ga go a senngwa mo lwapeng leo ka beng ba lone ba ile masimo. O kopile setshaba go nna ba lotlela matlwana a boitiketso go fema seemo se se tshwanang le seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 22 Dec 2014