Breaking News

Botswana o inaakantse le diphetogo

22 Dec 2014

Lefatshe leno fela jaaka a mangwe le mo moonong wa thulaganyo ya mafatshefatshe ya go dira melao e e tla a tsamaisang e bo e tlhokomela ba-na-le –bogole.

Se se tlhalositswe ke mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya kwa moletlong o o neng o diretswe ba-na-le bogole ke ba Kopano Rehabilitation Foundation kwa Palapye bosheng, a tlhalosa fa ba-na-le bogole ba lefatshe leno ba felela mo seatleng mme dithuso di sa ba fitlhelele ka jalo puso e bone go tshwanela go tlhoma lekalana mo ofising ya ga tautona le le itebagantseng le ba-na- le bogole le gone go ba tokafaletsa matshelo ka go lemoga seabe sa bone mo ditirelong tsotlhe tse di teng.

Rre Goya a re tikologo e ba-na-le bogole ba tshelelang mo go yone, melao  ke dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone ke dilo dingwe tse puso e ikiteileng sehuba go di dira ele tsela ya go tokafatsa matshelo a bone segolo jang mo go tsa thuto le botsogo.

Rre Goya a re gongwe nako e tsile ya gore le bone ba nne le kemedi ya sepolotiki gore  ba akole tsotlhe tse banni ba lefatshe leno ba di akolang.

A re ba lemogile fa go na le mafatshe mangwe a a setseng a gatetse pele mo go tlhabololeng ba-na-le-bogole ka go ba fa sebaka sa go nna le seabe se se bonalang mo ditlhabololong tsa mafatshe a bone.

Mothusa tona o tsweletse a re lephata la gagwe le lone le itlamile go tsaya karolo le go nna le seabe mo go boneng gore matshelo a ba-na-le bogole a a tlhabololwa go lebeletswe thata mo go tsa maranyane le go nna le  dikago tse di siametseng gore ba ka didirisa kwa ntle ga kgoreletsego.

Mogolwane wa  Orange Botswana, Mme Lepata Mafa o boletse gore  ke la bobedi ba abela lekgotla la Kopano Rehabilitation Foundation gammogo le go kopanela moletlo  le bone mme a tlhalosa fa tlhokomelo ya ba-na-le-bogole e tura fela thata ka ba tlhoka dilo tsotlhe tse di faphegileng.

A re bontsi ja bone ba isiwa bongakeng kgwedi le kgwedi kwa Gaborone le Francistown.

Mme Mafa o supile gore le fa ntswa go sa lekana ba thusa ka P30 000.00 ka ngwaga le airtime ya P500 kgwedi le kgwedi gore lekgotla le kgone go fitlhelela ditoro tsa lone.

Mme Mafa a re kompone ya Orange Botswana e nale  lekalana la Orange Foundation  le le fang  batho  dithuso tse di  itebagantseng le dilo di le dintsi di akaretsa tsa thuto le botsogo ka maikaelelo a go fa batho seriti le thotloetso ya gore le bone ba lemoge fa ba na le seabe mo ditirelong tse di neelwang setshaba.

A re fa godimo ga moo bodiredi ja Orange Botswana bone ja tsenya letsogo mo dipateng go reka dimpho ele go supa mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Moletlo

Date : 22 Dec 2014