Maphata a ipela le Phakwe
21 Dec 2014
Fela jaaka mafelo a mangwe, e rile bosheng moraka wa Phakwe wa amogela dimpho tsa keresemose pele ga nako go tswa mo maphateng a kgaso le dikitsiso kwa Selebi Phikwe.
Maphata a kgaso le dikitsiso a simolotse go abela banni ba Phakwe dimpho ka 2012 mme ba bona go le botlhokwa go tswelela ba ba fa dimpho ngwaga le ngwaga.
E rile a ema banni ba Phakwe ka lefoko kwa moletlong oo, Rre Tikologo Phillipo go tswa kwa Botswana Housing Corporation kwa Selebi Phikwe a tlhalosa fa go aba go tswa mo leratong le fa motho a ka tswa a sena sepe se se kalo se a ka se nayang motho yo mongwe.
Rre Phillipo o kopile ba ba abetsweng dimpho di akaretsa dijo le diaparo go di dirisa ka fa tshwanelong , a tlhalosa gore puso e tshwenngwa ke dikgang tse o fitlhelang batho ba ba abelwang ba rekisa tse ba di neelwang mme ba sale ba ntse ba le mo botlhoking.
Rre Phillipo o ba rotloeditse go itirela ka diatla ka a re kgaolo ya bone e tletse ka ditsa tlholego tse ba ka itshetsang ka tsone jaaka go betla le temo. Rre Phillipo o tlhalositse fa maikaelelo a maphata a mabedi e le go diragatsa moono wa ofisi ya ga tautona wa go thusa ba ba sa kgoneng ka puso e ka se kgone e le nosi.
Rre Baboloki Johnson go tswa kwa kerekeng ya Bible Life Ministries mo Selebi Phikwe o tlhalositse gore go le gantsi go buiwa ka go baakanyetsa mowa wa motho bokamoso mme batho ba lebala mmele ntswa le one o tshwanetse go nonotshiwa gore o kgatlhe.
Rre Johnson o tlhalositse fa mo baebeleng go tlhalosiwa gore fa motho a kgona a seka a kgoba yo o sa kgoneng ka o a bo a kgoba Modimo, a tlatsa ka gore Modimo o rata batho ba abela ba ba sa kgoneng.
Ba lephata la kgaso le dikitsiso ba tlhalositse fa ba kopile dithuso mo dikomponeng tse di farologaneng di akaretsa Doctor Kim, Standard Chartered Bank, Botswana Housing Corporation, Letshego, Bible Life Ministries, Builders World le First National Bank. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : PHAKWE
Event : Kamogelo Dimpho
Date : 21 Dec 2014