Kgwebo ya ditlhare le maungo e a busetsa -Tshwaedi
21 Dec 2014
Setshaba se rotloediwa go inaakanya le kgwebo ya ditlhare tsa maungo, moriti le mekgabisa ka di na le dipoelo tse di nametsang.
Mo potsolotsong bosheng, Mme Bophelo Tshwaedi wa Ramotswa o tlhalositse fa a rata go lekeletsa ke ka moo a feletseng a bona botlhokwa jwa kgwebo e a leng mo go yone. A re ga a ya sekoleng sa temo ya ditlhare mme se a se dirang ke mpho e a e neetsweng ke Modimo.
Mme Tshwaedi o inaakantse le go lema a bo a rekisa ditlhare tsa maungo tse di sa tlholegeng mo gae di akaretsa perekise, guava, garanata, mango, avocado, apole, pawpaw le strawberry le tse di kgabisang eleng ficas benjamin le acaranda. Ditlhare tsa moriti tsone di akaretsa tsa mo gae le tse di tswang kwa mafatsheng a sele jaaka mophethe, modutu, mosikiri le mophane.
O boletse fa a simolotse temo ya ditlhare ka go ithutela mo ditlhareng tsa maungo tsa mo gae. O tsweletse a kaya fa a tlhola a bona ditlhare tsa maungo di mela mme a simolola go lekeletsa go di jwala mo diemong tse di farologaneng ka ditsela tse di farologaneng go bona gore di dira sentle fa kae.
A re seo se mo file sebaka sa go ithuta ka ditlhare mme phelelong a simolola go lema a tlhoafetse gore a kgone go rekisa.
Mme Tshwaedi a re o boelwa thata mo thekong ya maungo le ditlhare tsa moriti mme o rotloetsa bomme ba ba sa direng sepe go simolola go lema maungo le ditlhare gore ba kgone go itshetsa ka tsone jaaka a dira. A re o ne a sa solofela fa maungo a a lemang a ka mela mo gae mme go diragetse ka jalo go supa fa mmu wa Botswana o siametse temo ya sengwe le sengwe le fa ntswa gone go laola gore motho o mo tikologong efe.
A re kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle ka jaana theko ele kwa godimo fela thata, a tlatsa ka gore o batla go tlogela tiro e a e dirang mo nakong eno gore a kgone go itebaganya le kgwebo ya gagwe fela ka jaana e batla mashetla, bonatla gammogo le tlhokomelo e e tseneletseng.
A re maungo le ditlhare tsa gagwe di rekiwa ke bagolo le banana ke ka moo a bonang dipoelo tse di nametsang. Mme Tshwaedi o boletse gore le fa ntswa a simolotse kgwebo ya gagwe ka 2003 mme gone e ile ya ema ka dinao ka 2006 fa a sena go ikgolaganya le ba lephata la dikgwa le matlotlo a tlholego go mo ruta ka maina a ditlhare le gore di lengwa jang le gone mo pakeng efe le methale ya go somarela peo ya tsone gore e kgone go dirisiwa gape.
O tlhalositse fa a dirisa peo thata go jwala maungo a gagwe mme ere morago a sena go mela a bo a kgaola kala ya setlhare a e tlhomele mo mmung gore e dire setlhare se sengwe.
A re tsela eo e siame thata ka ele yone e e mo okeletsang ditlhare tsa maungo gore a kgone go bona dipoelo tse di botoka le gone gore bareki ba gagwe ba kgone go bona ditlhatshana le maungo a ba a batlang nako le nako.
O tlhalositse gore tsela ya go dirisa kala go oketsa ditlhare e botlhokwa fela thata segolo bogolo fa motho a itse gore go dirwa jang.
O tsweletse a rotloetsa setshaba go ithuta go jwala setlhare se le sengwe mo diemong tse di farologaneng gore ba kgone go bona maduo ka gore go itlwaetsa go lema ka paka e le nngwe kana mo lefelong le le lengwe go ka nna ga seka ga bereka.
O tsweletse a kaya fa setlhare sa strawberry se mmusetsa thata ka jaana di se sa tshabelelwe ke diji jaaka maungo a mangwe. A re setlhare seo gape se dira sentle mo seemong sa loapi sengwe le sengwe mo gae.
Mme Tshwaedi a re o godisa kgwebo ya gagwe ka go ipapatsa mo dikomponeng ka go farologana le gone go bapaletsa batho ka bongwe ka bongwe gammogo le mo ditshupong tsa temo thuo.
O supile gore kgwebo ya gagwe e tsenya madi ka go kgabisa mo malwapeng a batho le go ba lemela ditlhare. A re bareki ga ba ngongoregele ditlhwatlhwa tsa ditlhare tsa gagwe ka jaana ba bona gore o dira tiro e ntle fela thata.
A re le ntswa go lema maungo go busetsa, go turu ka jaana go tlhoka tiriso ya metsi a mantsi mme le fa go ntse jalo o rotloetsa batho go inaakanya le go lema ditlhare tsa meriti ka tsone di sa tlhoke metsi le tlhokomelo e ntsi e bile gape di itse tikologo ya tsone ka di kgona go itshetlela mo tikologong bonolo.
Mme Tshwaedi a re o kgoreletswa ke go tlhoka lefelo le a ka lemelang mo go lone ka mo nakong eno a direla mo lwapeng. A re o batla go godisa kgwebo ya gagwe mme o ka kgona go dira seo fela fa a ka nna le lefelo le le bulegileng le na le metsi. Mme Tshwaedi a re kgwebo e a leng mo yone e tlosa bodutu e bile gape ke tsela ya go itshidila mmele ka jalo ga a tshabelelwe ke makoa a go fuduega maikutlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Johane
Location : RAMOTSWA
Event : Potsolotso
Date : 21 Dec 2014