Breaking News

Baemedi ba kopiwa go dirisana le setshaba

21 Dec 2014

E rile bosheng banni Palapye ba kopa makhanselara le mopalamente wa kgaolo eo go tshwaraganela ditlhabololo le morafe ka maikaelelo a go tlhabolola kgaolo.

Fa a bua morago ga gore morafe o rolelwe barongwa ba bone ba sepolotiki, modulasetilo wa lekgotla la Palapye Development Trust, Rre Michael Maforaga o tlhaloseditse makhanselara gore ba ba tsheletse dithupa ka ba lemoga fa ba sa dire le morafe segolo jang ka go sa tseneng diphuthego tsa kgotla kwa ditlhabololo di rolwang teng.

O ba kopile go tshwaragana le morafe o o ba tlhophileng ka kelelelo ya go lemoga gore batlhophi ba na le nonofo e e fetang ya barongwa. O boletse gore banni ba Palapye ba ipaakantse go dira le bone mme ba ya go ba baya leitlho gore ere fa ba paletswe ba ba role maemo ao morago ga dingwaga tse tlhano go sutela ba bangwe.

Sebui se sengwe, Rre James Olesitse o lebogetse thulaganyo ya mopalamente ya go itholela morafe, mme a re boikarabelo jo Rre Goya a bo neetsweng bo supa tshepo ka jalo le bone ba solofetse gole gontsi mo go ene.

Rre Olesitse  a re o tlhaloganya sentle gore ditlhabololo di dirwa ka lenaneo le le  rurifaditsweng  ka fa molaong. O tlhalositse fa ba tlhamile palamente le khansele ya motse go thusa barongwa go gorosa ditlhabololo kwa bathong ka bofefo. O akgotse lekgotla la kabo ditsha ka  a re gangwe le gape ke lone le le tsenang diphuthego tsa kgotla mme a supa fa motse o ka se tlhabologe fa makalana a puso a sa itsise morafe  ka tse diyang go dirwa mo motseng wa bone.

Fa ba tswa la bone, banana ba kopile baemedi go tshwaragana le bone gammogo le makgotla a a teng mo motseng go bua ka ditlhabololo. Ba tsweletse ba re motse wa bone o humile meamuso e e ka ba isang golo gongwe fela fa boemedi bo ka ema ka dinao jwa tshwaragana le morafe ka lerato le boineelo.

Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Keeta Masogo ene a re ga a jesiwe di welang ke gore univesithi ya maranyane ya BUIST e mo Palapye mme go na le tlhakatlhakano e banni ba sa bolelelweng ka yone. O kopilwe gore go tsenngwe leitlho fa go tlhophiwa batho ba ba tsenang mo komiting tsa botsamaisi ka fa gongwe go tsena batho ba ba senang boikarabelo ntswa motse o na le banna le basadi ba ba nang le boikarabelo go ka rongwa.

E rile a tswa la gagwe, mopalamente e bile ele mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraela Goya a tlhalosa fa a ya go bereka ka bonatla, botswerere, botswapelo, bonokopila le boikobo go tlhabolola motse wa bone.

O gakolotse makhanselara go itse ba-na-le bogole, batlhoki, masiela le bagodi ba dikgaolwana tse ba di emetseng le gore ba thusiwa ka fa tshwanelong. O tlhalositse   fa a neetswe boikarabelo ja go itebaganya le dikole tse di kwa tlase go ya go ema ka tse dikgolwane.

Rre Goya a re ene le Dr Dow ba mo lebelong la go bona gore boleng jwa thuto e nna jo bo kwa godimo go tsholetsa serodumo sa thuto ya lefatshe leno. Fa a itebaganya le dikgang tsa BIUST, o boletse fa ba santse ba di tshwere mme ba tla a di rolela morafe wa Palapye le setshaba kakaretso fa di wela.

E ne e rile mo mafokong a kamogelo mothusa kgosi wa Palapye, Rre Masego Olebile a supa fa temo e simologile jalo a kopa barui go ntsha dikgomo tsa bone mo magoleng go fokotsa dikgang tsa ngwaga le ngwaga tsa go senyediwa dijwalo ke leruo.

Fa a ntsha malebo, modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye e bile ele mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe le makhanselara ele go dira bojotlhe go tlhabolola dikgaolwana tsa bone. O tsweletse a re o tlhaloganya gore ga se ditshutiso tsotlhe tse di amogelweng kwa khanseleng mme e bile tse di amogetsweng ga di tle go dirwa ka ponyo ya leitlho ka gonne tsamaiso e tshwanetswe go salwa morago.

O lebogile dikgothatso le dikgakololo tsa morafe a re seo ke ditshegofatso go utlwa batsadi ba laya bana ba bone mme a bolela fa Palapye a gola ka bofefo mo ditlhabololong ka jalo a tlhoka ditlhaloganyo le maoto a a bofefo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Diphuthego Tsa Kgotla

Date : 21 Dec 2014