Breaking News

Lenaneo le ntsha maungo

18 Dec 2014

Banana bangwe ba supa fa dithuso tse ba di fiwang ke ba lephata la banana di sa wele mo motlhobodikeng.

Ba rurifatsa fa ba ntsha maduo a a ka tsogang a jesa lefatshe leno. Fa a tlhalosa mo potsolotsong, Mme Seolebaleng Mojombe a re o ne a bona dithuso ka 2011 morago ga go direla mo lwapeng dingwaga di supa, mme a simolola temo ya merogo ka 2012 jaanong thobo e a nametsa.

A re lephata le ne la mo thusa ka kago ya moriti, kgokelo ya didirisiwa tsa nosetso, tanka e e somarelang metsi, dipeo le didirisiwa tsa temo. A re ba ne gape ba mo thusa ka go mo fa dithuto tse a di tlhokang di tshwana le go lema le go somarela thobo.

Mme Mojombe a re monongwaga o lemile mefuta ya ditamati ka go farologana, digwete, khabetshe, pherefere, sepinatshe le dikwii mme tsotlhe di dira se ntle le thobo e a solofetsa. Mme mojombe a re ditamati di ungwile thata ka o ka fitlhela mo segwereng se le sengwe go na le maungo a le lesome le botlhano.

A re khabetshe yone e santse e le mo ditekeletsong ka go lebega ba e lemile mo pakeng e e seng yone. O tlhalosa fa sejalo se se sa tsamaisane le mogote, ka jalo a re o batla go bona gore a mme gone e tlaa kgona go itshwarelela mo mogoteng wa Kgalagadi.

Mme Mojombe o akgola ba lephata la temo-thuo ka ba setse ba kile ba ba thusa ka menontshane. A re o dirisa 2.3.4 le LAN mo merogong le tse di ntshang digwere mme mo go tse dingwe o dirisa motshotelo.

Mme Mojombe a re mathata a motona ke diji. A re o tshwenngwa thata ke digokgo tse di agang bobi fa godimo sa dijalo mme di tlogela mae a a bakang diboko.

A re gape o tshwenngwa ke podile e e jang matlhare. Mme Mojombe a re o santse a sokola ka thekiso, a re marekisetso a mogolo a batla dithoto di tsentswe mo mabokosong le fa go na thobo ya kgapetsakgapetsa mme ga a ise a kgone go dira jalo.

A re mo bogompienong o santse a rekisetsa banni ba motse wa gagwe le e e mabapi. A re le fa go ntse jalo, theko e santse e le boutsana ka batho ba reka ka bongwe ka bongwe.

Mme Mojombe a  re fa thobo e le yone jaaka ya monongwaga kilokereme e le ngwe ya ditamati e lopa P23 mme fela dikgwetlho di tshwana le metsi le diji di diga thobo ya gagwe. O ne a supa matshwenyego a matona ka lephata la metsi a re metsi a a tura.

Are mo bosheng o ne a sa twa go duela P5 000 mme se se dira gore kgwebo ya gagwe e seka ya gola. One a digela ka go kopa puso go ba sekasekela gore a ga go na gore go ka dirwa gore ba seka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa metsi.

A re lenaneo le le ne le ka namola Batswana mo lehumeng mme ke diemo tse di ntseng jaana tse di bakang gore maiteko a puso a folotse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Otsile Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 18 Dec 2014