Breaking News

Ba Selebi Phikwe ba rapelelela pabalesego

18 Dec 2014

Mothusa modula setilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Selebi Phikwe,  Rre Lekgotla Rankwaila, o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi la go tshwara merapelo ya dikotsi tsa tsela ka malatsi a boikhutso ke gore ga go tla malatsi a keresemose batho ba fetola mekgwa ya bone.

Rre Rankwaila o buile se mo tirelong ya thapelo  e tshwaretswe  kwa Adams Park kwa Selebi Phikwe bosheng,  a tlhalosa fa  mo malatsing ao a boitapoloso madi a dirisiwa botlhwaswa ka batho ba nwa bojalwa phetelela e bile ba kgweetsa ka bofafalele ka jalo a re Batswana ba tshwanetse go leba kwa go ramasedi go kopa pabalesego.

Rre Rankwaila a re e le basepodise ga gona se ba ka se kgonang kwa ntle ga go kopa Modimo go ba etelela mo tirong ya bone ka jalo ba tshwanetse go nna ba kopana le baruti go thulanya ditlhogo go kopa botlhale kwa Modimong go itebaganya le seemo sengwe le sengwe se ba ka kopanang le sone mo tirong ya bone.

Inspector Kgosiemang Sechoni wa sepodise sa Botshabelo o tlhalositse gore fa ba sala ba simolola dithapelo go supagala fa dikotsi tsa tsela di fokotsega mme go sa reye gore go lekane. A re ba santse ba na le tiro e ntsi ya go ruta setshaba ka tiriso ya tsela ka gonne ba tshwentswe ke melato ya go taboga ka lebelo le le feteletseng, go tsenelela dipone tsa mesepele, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le tiriso ya lebanta la itshireletso.

Inspector Sechoni o tlhalositse gore lebanta le tshwanetse go dirisiwa ka nako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho o tsaya mosepele o mo khutshwane go le kae.

E rile a latlhela la gagwe, mookamedi wa Motor Vehicle Accident Fund  kwa Selebi Phikwe, Mme Thatayaone Letsamao  a tlhalosa fa ba bereka mmogo le ba sepodise mme bone ba itebagantse  thata le go thusa ba ba golafetseng jaaka  go ba duelela tsa bongaka le gone go thusa ka tsa phitlho.  Mme Letsamao o tlhalositse gore ba thusa ba lebile gore kotsi e e diragetseng e bakilwe ke eng mme fa go nang le botlhaswa teng mokgweetsi ke ene a tshwanetseng go duela ditshenyegelo tsotlhe.

Tirelo e, e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng,  ‘Pabalesego ya tiriso ya tsela go ya kwa ngwageng wa 2020.’ BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Tirelo ya Thapelo

Date : 18 Dec 2014