MENCARE e ruta ka kgodiso ya ngwana
18 Dec 2014
Motsamaisa mokgatlho wa Men Care o o rotloediwang ke ba Stepping Stones International, Rre Salani Gambule o boletse fa borre ba na le dikgwetlho tse di farologaneng fa go tla mo kgodisong le tlhokomelong ya bana.
Fa a bua kwa Letlhakeng bosheng, Rre Gambule o boletse fa borre ba a kopaneng le bone ba sa tlhole ba nna le bommabana ka mabaka a a farologaneng. A re borre bao ba ne ba kgaogantswe ka ditlhophana go tswa ka mabaka a a dirang gore ba kgaogane le bommabana ba bone.
Rre Gambule a re borre ba boletse fa mabaka a go tlogelwa ke bommabana a akaretsa go tlhoka madi a go tlhokomela ngwana le go nna le bana ba sale ba botlana ka jalo ba tlhabiwe ke ditlhong gore batho ba tla a ba tshega mme ba tlogele bommabana.
O tsweletse a kaya gape fa bangwe ba re ba tlogedisiwa go tlhokomela bana ke mabaka mangwe a ngwao a tshwana le go elediwa go bona bana ba bone ba sale bannye mme ba tsamaele ruri.
O kopile borre go tlhokomela bana ba bone le fa ba kgaogane le bommaabone, a bolela fa go se thata go itsalanya le ngwana wa gago le fa o sale o kgaogane le ene. A re borre ba tshwanetse go tshwaraganela tlhokomelo ya bana ba bone le bakapelo ba bone go supa fa ele batsadi ba ba kgathalang.
O kgadile mogopolo wa bakapelo wa go buela diphiri fa pele ga bana mme a rotloetsa borre go nna le bana fa ba setse ba itse gore ba na le boikarabelo jwa go ba tlhokomela. O tlhalositse gore ngwana yo o golang a sena tlhokomelo ya batsadi ka bobedi ga a gole sentle e bile go ama le dithutong tsa gagwe kwa sekoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto Puisanyo
Date : 18 Dec 2014