Lephata le aba dimpho
18 Dec 2014
Modulasetilo wa khansele potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, o rotloeditse tirisano mmogo mo go thuseng ba bangwe bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O buile jalo kwa moletlong wa kabo dimpho ya ba-na-le bogole bale masome a mabedi ke ba lephata la dipagamo le ditlhaeletsanyo mo Makolojane kwa Serowe ka Labobedi.
Rre Kooreme are o leboga lephata le go bo le tsere matsapa a go thusa b aba amegang ka gonne ke lengwe la matshego a 2016 la tshaba e kutlwelobotlhoko e bile e kgatlhala.
O ne a tswelela a kopa batsadi gore ba seka ba ikaega fela ka ka puso go tla go ba tshetsa ka gobo mokoduwe go tsoswa o o itsosang. Rre Kooreme o rotloeditse ba lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo go kopa maphata a mangwe gore le one a nne le seabe mo ditirong tsa mofuta o. O boletese fa bonnyenyane jo babo kgobokantseng bo dirile pharologanyo e kgolo mo matshelong a bana ba.
Fa a tswa la gagwe mogolwane wa lephata la ditsela le ditlhaeletsanyo mo Serowe Mme Gofaone Kavezedi o ne a bolela fa ba ne ba kopana e le lephata la bone gore ba abele bangwe ka malatsi a keresemose, mme ba tlhopha bana ba ba- nang- le bogole gore ba kgaolwana ya Makolojane.
Mme Kavezedi a re gore ba dire se ba gwetlhilwe ke moletlo o ba neng ba o dirile kwa lephateng la bone.
Mokhanselara wa kgaolo Rre Onalepelo Kedikilwe o lebogetse ba lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo gobo ba bone go tshwanela gore go nne le ba ba abelang mopako wa keresemose. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Connie Marage
Location : SEROWE
Event : Kabo Dimpho
Date : 18 Dec 2014