Breaking News

Sepodisi se bolotsa letsholo

18 Dec 2014

Ba sepodisi sa Bobonong ba boletse fa ba ikaeletse go gagamaletsa bagwebi ba bojalwa setoropo monongwaga.

Fa a bua mo phuthegong le bagwebi bangwe ba bojalwa bosheng, mogolwane wa sepodisi, Rre Michael Maphephu, o supile fa bojalwa e le jone bo bakang dikotsi tsa tsela, dipetelelo gammogo le dikiteo jalo a re ba tla a bolotsa letsholo go simolola Sedimonthole a le lesome le borobabongwe go fitlha Ferikgong a le botlhano go leka go emisa go gweba ka bojalwa mo mafelong a a sa letlelelweng a akaretsa masimo.

Rre Maphephu o supile fa masimo e le mafelong a a kgethetsweng go lema le go rua mme batho bangwe ba a dirisa  go nwela bojalwa teng  segolo jang ka malatsi a keresemose fa go le dikhwaere.

Rre Maphephu o supile fa monongwaga ba tla leka ka tsotlhe tse ba nang le tsone go emisa go gweba ka bojalwa kwa masimong a ba a gatelela fa ba tla tseela batho ba ba dirang jalo dikgato tse di gagametseng. O kopile bagwebi ba bojalwa go dirisana sentle le mapodisi ka malatsi a botsalo jwa morena.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya Bye Law ya Bobonong, Rre Douglas Segakisi a re ba tshwenngwa ke dibara dingwe tse di robang moalo wa thekiso ya bojalwa mo motseng oo ka dingwe di sa bule le go tswale ka nako e e tshwanetseng. 

O tsweletse a supa fa go na le bangwe ba bagwebi ba bojalwa ba ba rekisetsang bana ba kwa tlase ga dingwaga tse lesome le borobabobedi dinotagi.

Rre Segakisi o kaile  gape fa modumo o montsi wa diletso mo dibareng e le nngwe ya matshwenyego a ba nang le one mo motseng oo ka gore o itsa batho segolo jang bagolo go robala sentle, ka jalo o kopile beng ba dibara go bona gore diletso di leletswa kwa tlase. Rre Segakisi a re ba na le tetla ya go tsaya teseletso ya mogwebi mongwe le mongwe wa bojalwa yo o sa obameleng molao.  

Fa a latlhela la gagwe mogolwane wa o mongwe wa ofisi eo  Rre Shimane Lisenda o boletse fa bagwebi ba bojalwa jwa Setswana ba tshwanetse go ikwadisa kwa dikgosing fa ba batla go dira kgwebo ya mothale oo. 

A re bagwebi ba bojalwa ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go ela tlhoka gore bojalwa bo nwelwa mo mafelong a a tshwanetseng le gore bana ga ba rekisediwe bojalwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya bagwebi ba bojalwa

Date : 18 Dec 2014