Breaking News

Kgosi o rotloetsa lenaneo la SHHA

17 Dec 2014

Kgosi Malang Galeate wa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng o kgotlhaditse banni ba motse wa gagwe go dirisa lenaneo la go thusa batho go ikagela matlo a bonno la Self Help Housing Agency (SHHA) go ikagela le go tlhabolola malwapa a bone,ka jaana ba santse ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya letlhoko la bonno.

Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Galeate a re ntswa morafe wa gagwe go lebega o nyoretswe go ithusa ka mananeo a a farologanyeng a puso a tshwana le a nyeletso lehuma,ba santse ba le maoto a tshupa mo go ikopeleng lenaneo la SHHA le le neng le ka fokotsa kgwetlho ya letlhoko la bonno.

A re ka lenaneo le,puso e ikaeletse go thusa Batswana segolo jang ba ba kobo dikhutshwane go ikagela matlo a a botoka a e ka reng ka dinako tsa dipula a kgona go itshetlela, mme a ba kaela fa le tshwana fela le mananeo a puso a a teng a a thusang setshaba go tswa mo lehumeng.

A re ntswa tautona a ne a ntsha ikuelo gore Batswana ba ba kobo di magetleng ba thusiwe ka go agelwa bonno,ga se botlhe ba ba tla kgonang go bona sebaka sa go thusiwa ka lenaneo le, ka gobane botlhoki bo santse bo le bontsi mo lefatsheng leno, mme a kopa ba ba kgonang go ikopela mananeo a tshwana le la SHHA.

A re puso e dirile maiteko a le mmalwa go leka go tlhabolola matshelo a Batswana ka ditsela tse di farolonyeng ,mme jaanong go saletse bone go ikemela ka dinao ka go inaakanya le mananeo ao go lwantsha lehuma le le ba apereng le gone go tlhagafalela dithuso tseo fa ba setse ba di abetswe.

O ne a tswelela ka go rotloetsa banni ba motse wa gagwe go tswelela ba dira ka natla le gore ba seka ba fela pelo mme ba dire tsotlhe tse di tlhokafalang gore ba kgone go tlhabolola matshelo a bonne mme ba itlhokomolose tumelo ya bangwe ya gore mananeo a puso a thata go bonwa.

O ne gape a kgotlhatsa banana go ikopela ditsha tsa ditshimo mme ba di tlhabolole gore ba kgone go akola mananeo a puso e a tlhamileng a tshwana le la ISPAAD ka a ka ba thusa go itshimolodisetsa dikgwebo go fokotsa kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e ba lebaneng.

Kgosi o ne a tswelela ka go lemotsha banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla ba direla sengwe le sengwe,a re le bone ba tshwanetse go iphataphatela gore ba itshetse.

Go ntse go le foo,Kgosi Galeatle o ne a kopa maphata a puso go etela morafe go amogana le bone dikitso ka mananeo a puso a farologanyeng,a kaya fa bangwe Batswana ba santse ba saletse morago mo go ikopeleng mananeo a ka ba santse ba tlhaelo kitso ka one ka ba le kgakala le ditlamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 17 Dec 2014