Makgalemele o leboga kgaolo
17 Dec 2014
Mothusa tona wa ofisi ya ga tautona le bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele o lebogile morafe wa Shoshong go bo o mmuseditse kwa palamenteng.
Fa a buisa phuthego ya ntlha mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi Rre Makgalemele yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Shoshong o ne a re o a ikokobetsa ka e bile a filwe marapo mangwe go dira mo pusong e le mothusa tona.
O ne a re o tla tswelela ka go direla kgaolo ya gagwe ka bonatla, botswerere le boamaruri, mme e bile a re ba seka ba nna maoto a tshupa go sa mo neela megopolo ya bone.
O ne a tlhalosetsa morafe gore re o ne a fiwa boikarabelo jwa go direla lefatshe leno lotlhe, e le mothusa tona, mme a re le fa go ntse jalo o tla tswelela a dira le bone jaaka a ntse a dira ka ofisi ya gagwe wa kgaolo.
Rre Makgalemele a tlhalosetsa phuthego ya gagwe gore o filwe boikarabelo jwa go etelelela pele dikgang tsa nyeletso lehuma, mme ka moo a re go na le botlhoki jo botona thata mme a kopa gore Batswana ba nne seopo sengwe go thusa go nyeletsa lehuma mo batlhoking.
Le fa go ntse jalo o ne a ba solofetsa gore e re le ntswa a filwe boikarabelo jwa go nna mothusa tona, morafe o seka wa tsaya gore o tla nna kgakala le bone a tlatsa ka gore ofisi ya gagwe ya kgaolo e tla oketsa neelano ya yone go netefatsa gore ga ba tlhaele ka gope.
O ne a tlhalosetsa morafe ka ditiro tsa merero ya ga tautona, tse di akaratesang kemo-nokeng ya bana le bogole, le boikarabelo mo dikganyeng tsa nyelotso lehuma. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Shoshong ba ne ba ne ba galeletsa mafoko a mothusa tona.
Rre Tumediso Sebokonyane o ne a supa boitumelo jwa gagwe go bo mopalamente wa bone e le mothusa tona mme ebile a re ba na le tsholofelo ya gore motse wa bone o tla tlhabologa go menagane.
O ne a lebogisa Rre Makgalemele a re ebile o rapelela gore a nne tona eseng mothusi. Le fa go ntse jalo Rre Sebokonyane o ne a ntsha matshwenyego a gagwe a gore sale ba solofeditswe ditsela mo gare ga motse, mme nako kgolo ke eno.
O ne a re ditsela tsa mo gare ga motse ga di tsamaege le eseng, mme a kopa gore di dirwe, a tlatsa ka gore go matlhabisa ditlhong gore tsela le e yang sekolong se segolwane mo motseng e bo e seyo.
O ne gape a kopa gore ba tsenyetswe dipone tsa mekgwatha gore di bonese bosigo. E rile a tsibogela matshwenyego ao, Rre Makgalemele a re tlhalosa fa tla kopa dithuso mo baneng ba motse ba ba direlang ko ditoropong go thusa go reka dipone tsa mekgwatha.
O ne a re pone e le nngwefela e ka lopa madi a kanang ka P10 000, mme ka jalo a re gore ba nne le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 17 Dec 2014