Pula ya matlakadibe e dira tshenyo kwa Sasakwe
17 Dec 2014
Ba lelwapa laga Mme Mmantsha Montwedi wa dingwaga tse masome a supa le borobabobedi kwa masimo a Sasakwe mo kgaolong ya Kweneng ene yare ka matlhatso bosigo ba welwa ke seru fa pula ena ka setsuatsue le ditladi.
Mme Sale Thathau yo e leng ngwana wa ntlha wa ga Mme Montwedi o tlhalositse fa tiragalo e e diragetse magare ga nako ya borobabongwe le ya bolesome le motso bosigo. A re go simologile ba ititsitse fa ntle mme ba tloga ba bona maru a pula a ntse a ipopa mme ka ponyo ya leitlho go ise go nne le bokao jwa gore pula e simologa gona, ga tsoga matsubutsubu, ba bo ba iphalotsa ka go tsena mo matlong.
O tlhalosiste gore pula e simologile ena ka mashetla. A re one a tshabetse pula mo ntlong e ngwe le bana mme ba bangwe ba lelwapa la gagwe le mme mmaagwe bane ba tshabetse mo ntlong e sele.
Thathau o buile gape gore metsotsonyana pula e ntse e simolotse gona one a utlwa go ratha ga tladi go salwa morago ke modumo o mogolo.
A re pula e nele sebaka sa dioura tse tharo le sephatlo mme erile morago e kokobela, a kgatlhantshiwa ke monnawe fa ntle a re oba tlhola gore pula ga e aba ama le bana, mme Mme Sale a re one a akabala a bona ntlo e nne bo monnawe ba tshabetse mogo yone e kumugile marulelo.
A re bane ba rile ba tshabela kwa ntlong e nngwe fa marulelo a sena go tsewa ke phefo mme ba retelelwa ka metsi ane a ela a le mantsi a thibile lelwapa. O tlhalositse fa e rile ka nako ya bone makuku, pula e setse e kgaoditse le go ela ga metsi mo lelwapeng go eme, ba tswela kwa ntle ba anega dithoto tse di kolobileng, ba ntsha le dijo ka tsone dine di senyegile.
Thathau a re bane ba lemoga fa dipotsane tsa bone di le lesome le botlhano di tserwe ke metsi ga mmogo le dikoko. O tlhalositse fa ka bolesego go sena ope wa bone yo o nnileng le dikgobalo.
E ntse ele mo masimong a Sasakwe, ba lelwapa laga Rre Mogapi Gabokganelwe wa dingwaga tse masome a marataro le boraro, yoo o nang le mosadi wa gagwe le ngwana, bone le bone ba ne ba welwa ke seru fa matlo a bone a le mabedi a ne a feelwa metsi. Rre Gabokganelwe o tlhalositse fa le bone ka bolesego gosa gobala ope mo go bone le leruo le sa tsewa ke metsi.
E rile ka nako ya potsolotso le ba BOPA malwapa ka bobedi a ne a setse a abetswe ditante ke ba khansele ya Kweneng.
Mme Diane Rahube wa ofisi ya tsa tokafatso maduo kwa Kopong o tlhalositse mo potsolotsong fa ba santse ba le mo ditshekatshekong tsa gore malwapa a amegile gole kae gore ba rulaganye go ba thusa ka dijo. Mme Rahube o tlhalositse gape gore go amegile malwapa a le mararo mme le lengwe e le ntlo e go sa nneng ope teng.
One a tshwaela gape gore ga go ise go nne le tshekatsheko ya gore dithoto tse di senyegileng tsa malwapa ka go latelana ke tsa madi a bokae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : KOPONG
Event : Potsolotso
Date : 17 Dec 2014