Banana ba kgotlhaditswe go dirisa ditlamelo
17 Dec 2014
Banana ba Mahalapye ba kgotlhaditswe go dirisa ditlamelo tsa botsogo tse ba di buletsweng kwa kokelwaneng ya basha e e butsweng bosheng kwa Mahalapye, go tsaya karolo mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa HIV.
Fa a bua kwa pulong semmuso ya kokelwana ya basha, mogolwane mo lephateng la botsogo, Mme Sheenaz el Halabi, a re e re ka dipalo tsa banana mo lefatsheng ka bophara di le kwa godimo go a tshwanela gore ditlhoko tsa bone tsa botsogo di tsewe ka tlhwaafalo a tlatsa ka go tlhalosa fa go beeletsa mo go bone ele go beeletsa mo isagong ya lefatshe.
Mme Halabi o kaile gape fa motse wa Mahalapye o le mo maemong a boraro a metse e amilweng ke bolwetse ja HIV/AIDS go ya ka dipatlisiso tsa BIAS II tse di dirilweng ka ngwaga wa 2012.
Are ka jalo go botlhokwa go gatelela dithuto tsa phetolo ya maitshwaro mo bashing ke ka mo lephata la botsogo le bone go tshwanela gore banana ba direlwe dikokelwana tsa bone tse di tla a itebaganyang le ditlhoko tsa bone, din a le badiri ba ba rutetsweng go dira le basha ka fa tlase ga lenaneo la Safe guard..
Are go a tlhokafala gore banana ba fiwe kitso ka botlalo e seng go mpapetsa ka mo go sa ba thuse ka sepe mme ebile go senyetsa dilo pele.
O tlhalositse fa lenaneo la safe guard le ikadile le mafatshe a ka tshwara boferabobedi mo Aforika Botswana e le lengwe la one, mme le itebagantse le dikgang tse di amang banana ba mafatshe aoi tse di akaretsang bolwetsi jwa HIV/AIDS le malwetse a tlhakanelo dikobo, kgokgontsho ya bong, go senya boimana, le manyalo a bana ba dingwaga tse di kwa tlase.
O kaile fa maduo a lenaneo le mo Botswana a setse a itshupile ka e ne ya re bosheng lephata la Botsogo le itshwaragantse le Makgabaneng le BOFWA la bolotsa letsholo la go ruta batho ka tiriso ya dikausu, mo dikgaolong ka maitemogelo a gore molaetsa wa tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng o sa goroge kwa bashing ba ba lebaneng mo metseng selegae.
Mme Halabi are ditshekatsheko di supile gore erelentswa tiriso ya sekausu e ele kwa godimo, ga se dirisiwe sentle ebile gase dirisiwe ka nako tsotlhe, ke mo ban eng ba bona go tshwanela go fitisetsa molaetsa kwa bathong gammogo le banana.
Are thulaganyo e e ne ya tswa maduo ka batho ba le dikete tse pedi le makgolo a mane ba ne ba itlhatlhobela mogare wa HIV fa dikhondomo di feta sephatlo sa sedikadike di ne tsa abiwa.
O tsweletse ka go leboga makgabaneng le bobegadikgang ja lefatshe leno go bob a ne ba tsenya letsogo mo go phatlalatseng molaetsa.
Mme Halabi a re dipatlisiso di supile gore mo baneng ba le lesome ba ba dingwaga tse dif a gare ga lesome le lesome le boferabongwe ba le babedi inaakantse le tlhakanelo dikobo, are kaa jalo go mo pontsheng gore bana ba inaakantse le tlhakanelo dikobo ka jalo thuto ya go ikgapha mo tlhakanelo dikobong ka isi e ka seka ya thusa go fema seemo se.
Are e le ba botsogo fa ba itebaganya le kwelotlase e ba rotloetsa banana ba ba iseng ba simolole go inaakanya le tlhakanelo ebile ba le mo dikolong gore ba tshware fela jalo ba itebaganye le dithuto tsa bone, mme ba ba setseng ba simolotse ba ba rotloetsa go dirisa dikausu le go ikopanya le ba botsogo go tsaya bogakolodi ka tsa boiphemelo.
O gwetlhile banana go itse boleng ja bone mo sechabeng le go tsaya botsogo ja bone tsia, ka jalo o ba rotloeditse go dirisa kokelwana e ba e buletsweng ke lephatla la botsogo a ba kaela fa ditlamelo tsa yone di diretswe go itebaganya le ditlhoko tsa bone.
Are go lemosegile fa ba ntse bas a kgone go itekodisa ba bongaka ka tshosologo kwa dikokelong tse di teng ke ka moo lephatla la botsogo le arabile selelo sa bone, ka jalo a ba kopa gore a kokelwana eo e se nne dikago fela mme a ba e dirise e ba solo gele molemo mme ban ne karolo mo go lwantsheng kanamo ya mogare mo motseng wa Mahalapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Pulo semmuso ya kokelwana
Date : 17 Dec 2014