Makhanselara a lela ka tlhaelo ya dikoloi tsa balwetse
17 Dec 2014
Makhanselara a kgaolo ya borwa ba kaile fa tlhaelo ya dipolamo tsedi rwalang balwetse mo dikokelong e le kgwetlho ee patikang makhanselara gore ba dirise dikoloi tsa bone bosigo le motshegare go thusa mo go rwaleng balwetse.
Ba buile jalo fa ba ne ba akgela mo molaetseng wa modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile mo phuthegong ya khansele kwa Kanye. Ba boletse fa jaanong ba sa tlhole ba dira ditiro tsa bone sentle tse ba di tlhophetsweng tsa ditlhabololo.
Makhanselara a boletse fa melemo mo dikokelong tseo gape e tlhaela. Ba boletse fa sepatela sa Sabata (SDA) kwa Kanye se le mosuke thata se hekeetswa ke kgaolo ya borwa.ba boletse fa dikobo le tsone di tlhaela mo sepateleng.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng ke tona kwa Moshupa, Mme Ponatshego Tshiping o ne a kopa gore go fefosiwe go agwa ga sepatela kwa Moshupa gore go hokotswe mosuke mo sepateleng sa Kanye, a bolela fa itsholelo go bolelwa e tokafala.
Makhanselara gape a ngongoregile ka tlhaelo ya metsi mo Kanye, ba bolela fa metsi a dutla gongwe le gongwe fela. Ba boletse fa lenaneo la nyeletso lehuma la temo ya merogo mo digotlong e padile ka ntata ya tlhaelo ya metsi.
Ba kopile gore baba neng ba le diretswe go hetolwe ka lenaneo lengwe lele ka ba sologelang molemo. Ba boletse gape gore ditsela mo kgaolong ya borwa di senyegile thata morago ga dipula tsedi neleng bosheng.
Ba kopile gore lephata la ditsela le gope gore di tsamaege.ba ngongoregile ka kabo ya lefatshe mo bananeng bare go tsaya lobaka gore ba abelwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 17 Dec 2014