Motlobo wa dibuka o aba dimpho
16 Dec 2014
E rile bosheng ba motlobo wa dibuka kwa Bobonong ba rekela Mme Elizabeth Olefile dimpho tsa keresemose di akaretsa dijo le melora.
Fa a bua kwa kabo dimphong eo, mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Bobonong Mme Betty Mazebedi o supile fa ngwaga o e le wa bosupa ba ntse ba abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho. O tsweletse a supa fa go aba dimpho mo go ka rotloetsa mowa wa tomagano le popagano mo setshabeng.
Mme Mazebedi a re dimpho tse ba di abetseng Mme Olefile di tla tlisa boitumelo le tshwaragano mo lelwapeng lwa gagwe a bo a tlhalosa fa go neela motho mpho mo botshelong go dira gore yo o abetsweng a ikutlwe a na le seriti. Mme Mazebedi a re le ntswa ba tsile go aba dimpho mo letlhakoreng le lengwe ba tsile go itsise baagi ba kgaolo ka ditirelo tse di fitlhelwang mo motlobong wa dibuka di akaretsa inthanete.
A re ga se boammaaruri gore motlobo wa dibuka o diretswe bana ba dikole le batho ba ba rutegileng fela ka jalo a rotloetsa baagi ba kgaolo eo go dirisa motlobo wa dibuka go anya dikitso ka dilo dingwe tse ba eletsang go ithuta ka tsone.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya motlobo wa dibuka mo Bobonong, Rre Moffat Mothudi a re Modimo o itumelela go bona dipelo tsa batho di nna di itumetse. Rre Mothudi o tlhalositse fa go abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go ba nonotsha mo moweng mme e e bile go itsa borukhutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Kabo ya dimpho
Date : 16 Dec 2014