Borre ba boutsana kwa kokelong
16 Dec 2014
E re jaaka ba botsogo ba tsweletse ka go rotloetsa borre go ikanya kokelwana fa ba ikutlwa bokoa, borre bangwe bone ba santse ba goga dinao.
Fa a bua kwa thuto seka dipuisanong ya mokgatlho wa MenCare o o tlhamilweng ke ba Stepping Stones International kwa Letlhakeng ka mafelo a beke, Mookamedi wa kokelwana ya Letlhakeng ebile e le mogokaganyi wa borre le bomme, Mme Ramosesane o kaile fa borre ba Letlhakeng ba santse ba le boutsana kwa kokelong.
A re borre ga ba bonale go tla go itekodisa malwetse a bone nako e sale teng. O boletse fa borre ba santse ba le boutsana mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV/AIDS le ntswa go dumalanwe go lwantshiwa ga mogare oo. Are gantsi borre ba dumela gore ba itlhatlhobetse mogare fa ba utlwa bakapelo ba bone bare ba itlhatlhobile.
Mme Gaserekwe Ramosesane o tsweletse a kaya fa gape borre ba tlhalosa fa ba fetswa pelo ke mela e e nnang e le meleeele kwa dikokelong mme ba boele lapeng.
O kaile fa gape go se thona gore borre ba tsamae le bomme ba bone fa ba ya go dira loaro lwa borre are seo ke seo ke sone sesupo sa gore bakapelo ba a tshepana.
Mme Ramosesane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kokelwana ya Letlhakeng e na le ditlamelo ka go farolagana tse di tshwanang le go dira loaro lwa bo rre le le babalesegileng,go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS,go itlhatlhobela kgotlholo e tona le kankere. O kopile borre go nanosa maoto ka botsogo jwa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Mokoanene
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto-puisano
Date : 16 Dec 2014