Breaking News

Chanoga o tshegeditse mowa wa bojammogo

16 Dec 2014

Kgosi wa Chanoga, Rre Oateng Setlhodi o galaleditse morafe wa gagwe go bo o santse o tshegeditse mowa wa boipelego le bojammogo.

Kwa moletlong wa go abela ba lelwapa la Goora-Motho ntlo ka mafelo a beke, kgosi o boletse fa seo ele thuto mo setshabeng ka kakaretso go tsosolosa mowa wa boipelego ka jaana o nyelela ka monokela mo lefatsheng leno. 

Kgosi a re se bodiredi bo se dirileng se a itumedisa ka jaana go supa fa melaetsa ya puso e wela mo mmung o molemo.

Kgosi Setlhodi a re e re ka pitso ya nyeletso lehuma e ne e tshwaretswe mo motseng wa bone ngogola, o motlotlo go bona banni ba ikitaya ka thupana go diragatsa se ba se amuleng mo go yone.  A re go supagetse fa ba tsere thuto eo ka tlhoafalo e bile ba itlamile go tsholetsa serudumo sa motse wa bone.

 E ne ya re a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Philemon Dicheleketo a tlhalosa fa lenaneo la Ipelegeng le belege banni ba motse oo ka bontsi ka botshelo jwa banni bo ikaegile thata ka lenaneo leo mme a akgola puso go bo e bone go tshwanela go le simolodisa. 

A re e re le ntswa motse wa bone o saletse morago ka ditlhabololo e bile letlhoko la ditiro le lone le ile magoletsa, o itumelela lenaneo leo ka jaana bontsi jwa batho go akarediwa le banana ba kgona go inosa metsi.

Rre Dicheleketo o boletse fa mo ngwageng wa 2013/14 ba laoletswe go thapa batho ba le  masome a mane le bosupa mme ya re ka go lemoga fa banni ba wetswe ke seru sa merwalela e bile ba dule ba iphotlhere kwa masimong ba ikuela kwa khanseleng go okelediwa palo mme ba okelediwa ka masome a mane le bone.

A re go bona letlhoko le le ntsi mo motseng bodiredi jwa Ipelegeng bo ne jwa thulanya ditlhogo go bona gore ba ka thusa jang puso mo maitekong a go tsenya letsogo mo go ba ba dikobo dikhutshwane jalo ba dumalana gore ba agele boora- Motho ntlo ka jaana e ba nang mo go yone e baya matshelo a bone mo diphatseng. Rre Dicheleketo a re ba feletse ba itlama go koleka P10 kgwedi le kgwedi morago ga dikamogelo tsa bone.

 A re batsamaisi ba lenaneo ba ne ba ba ema nokeng ka go kopa dithuso kwa bagwebing ba ba rekang dithoto tsa Ipelegeng kwa go bone. Rre Dicheleketo a re bagwebi le morafe ba ne ba tsibogela mogopolo oo ka bangwe ba ithaopetse go aga fa bangwe ba thusitse ka dithoto tsa kago.

Mookamedi wa lephata la Local Government and Development Planning, Mme Ofentse Modisa o lebogile morafe go bo o supile mowa wa kutlwelo botlhoko le lerato. 

A re e re le ntswa bangwe ba kgala lenaneo la Ipelegeng ba supeditse setshaba ka kakaretso gore le ka ntsha maduo le ntswa dikatso tsa teng di le kwa tlase. 

O tsweletse a re banni ba Chanoga ba supile fa lenaneo leo le raya gone tota go ipelega ka mo dipakeng tse di fetileng ditlhabololo tsa metse di ne di dirwa ka boipelego le boithaopo. 

A re banni ba supile fa ba bereka mmogo e bile ba itlamile go tlhabololo tebego ya motse wa bone. 

Mme Modisa a re ba ofisi ya ga tautona ba ba okametseng lenaneo leo ba tsile go itumela ka ba lemoga fa motlhala wa bone wa go nyeletsa lehuma o tswa tema. A re o dumela fa metse e mengwe e tla a tsaya malebela gore le fa motho a amogela madi a mannye o kgona go dira ditiro tse di kgolo ka one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Moletlo wa go aba ntlo

Date : 16 Dec 2014