Banana ba thusa go lwantsha malwetse
16 Dec 2014
Banana ba mokgatlho wa Divine Envoys wa kereke ya Seventh Day Adventist ba tsweletse ka go gasa molaetsa wa go ja dijo tse di faphegileng go thibela malwetse a tshwana le a madi a matona.
Mo potsolotsong bosheng, moeteledipele wa mokgatlho oo Rre Brian Samoka o tlhalositse fa mokgatlho o e le wa basha ba ba tsenang dikole tsa ithutelo ditiro mme e bile ba itlamile go fa Batswana lesedi la ka fa ba tshwanetseng go ja ka teng go fokotsa le go lwantsha malwetse a a tsweletseng ka go gatelela Batswana ka bontsi, segolo jang a a bakiwang ke go sa jeng dijo tse di siametseng mmele.
Mo leetong la bone kwa Masunga, Rre Samoka o tlhalositse fa ba ne ba bona go tshwanela e le banana ba mokgatlho oo go amogana melaetsa ka thibelo ya malwetse ao le banni.
A re bolwetse bo tshwana le jwa madi a matona le jone tota jwa madi a mannye ke mangwe a a borai a a ka felelang a gapa matshelo a batho, ka jalo a re ba itlama go dira pharologanyo mo lefatsheng leno go fokotsa dipalo tsa dintsho tse di bakiwang ke dijo tse di sa itekanelang.
A re ba tsamaile mafelo a le mmalwa a akaretsa Ikoga, Lerala le Mmanoko ba gasa melaetsa eo mme go ya ka Rre Samoka ba setse ba dirile thero tsa phatlalatso di le pedi mo motseng wa Masunga tse ba neng ba gasa molaetsa wa botsogo gammogo le mantswe a Modimo.
A re o solofela fa mafoko otlhe a ba a amoganeng le setshaba a tla wela mo mmung oo nonneng, e bile a tla dirisiwa ka fa tshwanelong. E re ka go iwa mo malatsing a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha, Rre Samoka a re bontsi jwa Batswana ba ja ba sa ikele tlhoko.
A re bontsi gape bo nwa dinotagi phetelela gammogo le go ja dijo tse di sukiri le mafura a mantsi ba lebetse gotlhelele ka merogo le maungo.
Rre Samoka a re ba leka ka bojotlhe go rotloetsa ditshingwana mo malwapeng segolo jang tsa merogo le maungo.
Mongwe yo o lebaganeng le tsa botsogo mo komiting eo, Mme Atlegang Mokgedi a re o eletsa thata go bona Batswana ba dirisa molaetsa o ba o kgaoganeng le bone go iphemela mo makoeng a a bakwang ke go sa jeng sentle.
Mongwe wa leloko la mokgatlho oo, Rre Olebile Samoka o tlhalositse fa a tshwentswe thata ke maitsholo a banana ka bontsi bo ipeile fela mo dinotaging ba sa inaakanye le Modimo ka e le ene fela tsela le boammaaruri.
A re bontsi jwa banana ga bo bereke ka jalo ba ka bo ba tshepha Modimo, ka e le ene fela a ka rarabololang mathata a ba kopanang le one.
Rre Osego Merafhe a re o solofela gore molaetsa o ba o gasitseng o tla fetola dilo di le dintsi, segolo jang mo morafeng wa motse wa Masunga ka e bile bosheng motse oo o tshegeditse segopotso sa letsatsi la HIV/AIDS.
A re o dumela gore dithuto tse ba di amoganeng le banni di tla thusa le ba ba amilweng ke mogare ka go ba fa mafoko a kgomotso gammogo le go ba kaela ka fa ba tshwanetseng go ja ka teng, e le tsela nngwe ya go thusa mebele ya bone go lwantshana le mogare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 16 Dec 2014