Breaking News

Lekgotla la BHCWU le tlhopha komiti

16 Dec 2014

Lekgotla la Botswana Housing Corporation Workers Union (BHCWU) le sa tswa go kopana go itshekatsheka le go tlhopha komiti e e tla a le tsamaisang mo ngwageng tse pedi.

Mothusa mookamela lekgotla la Women in Botswana Association (WIBA) Mme Nametso Ntsosa-Carr, yo gape eleng mookamela kjamphani ya Waterbank Lane e e dirang le tsa nama le digwapa o kopile bodiredi go fetola ka fa bo ntseng bo dira dilo ka teng mo tirong. 

Mme Ntsosa-Carr a re bodiredi bo tshwanetse go fetoga gore bo kgone go tsisa maduo a a ka isang lekgotla la bone kwa pele. A re setlhogo sa bone sa ‘Walk the Talk of Change’ se lebane mo nakong eno e babereki ba tlhokang go tlisa diphetogo mo madirelong.

 A re mokgwa wa bogologolo wa gore babereki ba bolele fa ba ntse ba dira dilo ka tsela nngwe, go ka ba dia go akaya le go tswelela pele, jalo o kgothaditse lekgotla go tsaya boikarabelo mo go direng ka bopelokgale le go itshimolodisetsa dilo ka go lebelela se lekgotla le se tlhokang go tsaya ditshwetso tse di lebaneng go tlisa diphetogo.

Mme Ntsosa-Carr o tsweletse  a re babereki ba tshwanetse go ithuta le go bala go itse se makgotla a mangwe a se dirang mono gae le kwa ntle le gone go amogela dikgakololo go tswa mo makgotleng a mangwe a a tshwanang le la bone la WIBA.

O supile fa ene ele modiredi wa pele wa BHC, mme a ne a le mo lekgotleng le le buelela babereki ka ene mme fela a re go bua ka ditshwanelo tsa bodiredi ga go reye gore motho a tlhoke tlhompho le tlotlo mo bahiring ba gagwe.

 A re lekgotla ga le a tlhamelwa go lwa le mohiri mme le tshwanetse la dirisanya la ba la bereka mmogo le mohiri go fitlhelela maikaelelo a bone a go kopanya mohiri le mohiriwa.

A re maikaelelo magolo ke go bona gore tiro e natefelela bodiredi le gore  ditshwanelo tsa mohiriwa ga di gatakwe ka dinao, mme a rotloetsa bodiredi go ithuta go amogela diphoso fa di le teng le go ikobela mohiri gore ba felele ba fentse mohiri ka gotwe bokgwabo bo fenya bogale. 

O ba kopile gore ba seka ba tla thari mo tirong e bile ba nole mme a ba rotloetsa go bereka ka mashetla go ntsha maduo. 

A re fa tiro e tshwerwe go sena bolope e kare ngwaga o fela kompone e bo e dirile dipoelo tse le bone ba ka itatswang menwana.

 Lekgotla la BHCWU le simolotswe ka 1988 mme  mo nakong eno le na le maloko a le 198 mo dikgaolong dile 11, a re seo se supa kgolo go lebeletswe gore bodiredi ja kompone jone bo 350. A re bontsi ja maloko bo bonala thata mo kgaolong ya bokone go na le kwa Borwa le gone ke borre. Mme Ntsosa-Carr e ne yare morago a abela lekgotla leo P20 000.00 gore le kgone go tsamaisa ditiro tsa lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa lekgotla la babereki

Date : 16 Dec 2014