Tiro ya diatla e a tshetsa
15 Dec 2014
Moithuti wa pele wa sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima Brigade kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Mmoloki Bathusi o rotloeditse banana go tsaya tsia le go inaakanya le dithuto tsa tiro ya diatla ka di le bogadi bo gaufi.
Rre Bathusi o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA fa a itshetsa ka kitso e a e anyileng kwa sekoleng seo, a re go tlhakanya thuto ya mokwalo le ya diatla go botlhokwa fela thata mo metlheng eno e lefatshe le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro ka motho o ka kgona go itshetsa ka diatla tsa gagwe fa a setse a tseneletse dithuto tseo.
A re o feletse ka mophato wa boraro mme a ya go ikoketsa kwa Kweneng Bophirima Brigade ka 2007 kwa a ithutileng teng dithuto tsa kago.
A re morago ga go fetsa dithuto tseo o ne a thapiwa ke dikompone tsa kago mme ya re morago a bona go le botoka go itshwarela ka diatla tsa gagwe gore a agele morafe mo motseng ka a lemogile fa go ipereka go le bogadi bogaufi go tsenya dipoelo ka motho a sa emele letsatsi la dituelo.
Rre Bathusi o supile fa tiro e, e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
O kaile fa dipoelo e le tse di nametsang pelo fela thata. O supile fa a amogela batho ba le bantsi mo motseng wa Takatokwane le metse e e mabapi ba ba kgatlhwiwang ke tiro ya gagwe mo go dirileng gore a thapha setlhopha sa banana ba ba sa berekeng gore le bone ba kgone go oba letsogo.
A re ntswa tiro ya kago e le bokete, o e dira ka bonatla, botswerere le bopelotelele gore a kgatlhe bareki le gone go netefatsa gore thuto e a e amogetseng kwa sekoleng e mo tswela mosola gammogo le go tlhabolola botshelo jwa gagwe le jwa banana ba bangwe.
O gakolotse banana ka ene go itse fa thuto e se ya go bala le go kwala fela mme ya diatla e le molemo fela thata mo nakong eno e banana ba leng mo leshekereng la letlhoko la ditiro.
A re go santse go lebega batho ba ise ba tlhaloganye ka botlalo gore dikole tsa ithutelo tiro ya diatla di mosola ka gonne batho ka bontsi ba di tseela kwa tlase mme tota ba sa tlhaloganye fa di ka betla mebereko.
Rre Bathusi o tsweletse ka go gwetlha banana go ikamanya le dikole tseo gore le bone ba ipelafatse ka go nna le seabe mo go tsoseng itsholelo ya lefatshe leno.
O kgothaditse botlhe ba ba dirileng dithuto tsa tiro ya diatla go dirisa kitso e ba nang le yone go itshetsa go na le go emela gore ba thapiwe ke dikompone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 15 Dec 2014