Breaking News

Motshegwa o ruta ka lekgotla

15 Dec 2014

Babereki ba diotele le mafelo a bojanala ba gakolotswe gore lekgotla la babereki  le ka thusa go ba ruta ka ditshwanelo tsa bone mo tirong le go ba lemotsha bomosola jwa go nna leloko.

Fa a bula dipuisano tsa baemedi go tswa mo madirelong a a farologaneng a diotele le bojanala, mokwaledi mogolo wa BOFEPUSO, Rre Ketlhalefile Motshegwa, a re thuto ke yone e e ka thusang go ngokela babereki go tsena mo makgotleng ao ka ba tla lemoga gore tiro ya lekgotla ga se go ba buelela fela fa ba sa direlwe sentle mo tirong.

A re lekgotla le thusa go ba lomaganya le mananeo a a ka ba sologelang molemo jaaka la diphitlho, kadimo ya madi go reka dithoto tsa kago motho a duela ka kgwedi le go ba tshwaraganya le makalana a a tshwanang le Mascom le Orange go ithekela mogala wa letheka ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

A re se se botlhokwa ke go nna le thulaganyo ya go dira molao motheo o o tla ba laolang

go tsamaisa lekgotla ka gore ga gona lekgotla le le ka tshelang le sena melao ee le tsamaisang e bile e le sena boeteledipele jo bo nonofileng bo na le kitso. Rre Motshegwa a re baeteledi pele ba lekgotla ba tshwanetse ba itse gore ba nale tshwanelo ya gore bahiri ba ba fe sebaka sa go ya go tshwara diphuthego le gore ba ba thuse ka sepalamo le lefelo mahala. 

O tsweletse a re go lemosegile gore mo ditirong tsa bone, babereki ba kobiwa motlhofo fela ka gore ga ba itse ditshwanelo tsa bone jalo a lemotsha baeteledi pele ba lekgotla gore ke bone ba ba tshwanetseng go ruta maloko gore ba tswe poifo fa ba kgokgontshiwa. 

O tsweletse a re ke bone fela ba ka dirang gore seemo sa kgatelelo ya babereki se tokafadiwe ka go buisana le bahiri ba bone.

O tsweletse a re madirelong a diotele le bojanala a dira madi a mantsi mme dituelo tsa babereki ba one di kwa tlase fela thata, jalo a kopa baeteledi pele ba makgotla a bone gore ba leke go emela seemo seo ka dinao gore dituelo tseo di tokafadiwe. 

O tlhalositse gore fa nako ya tiro e sena go wela mme tiro e tshwanela go tsweledisiwa mohiri le mmereki ba tshwanetse go buisana ka dituelo tsa nako e e okeditsweng go sena kgatelelo kana tsietso magareng ga bone.

E ne e rile go le pele a amogela baeng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Keseemetse Monga a ikuela mo go mokwaledi mogolo wa BOFEPUSO gore babereki ka bone ga ba kgone go tsena lekgotla ka gore go nale kgatelelo e ntsi mo ditirong tsa bone a re fa ele kwa bojanaleng gone go feteletse. O tsweletse a re mathata ke gore beng ba ditiro tseo ba tsamaya ka difofane jalo fa ba re ba kopa ya go kopana le babereki ga go kgonagale gotlhelele.

 O boletse gore bahiri ke bone fela ba tsayang ditshwetso ba le nosi ka nako ya tiro e e  dirwang morago ga nako mme a re ba ba neela malatsi ka ga bake ba dumela ka madi  mme e bile le one malatsi ga se gore  ba ba fa a ba a bereketseng. 

A re ba simolotse mokgatlho wa bone ka 1997 ka go babalelwa ke kgatelelo ya bahiri ba bone mme le mo nakong eno ga ba kgone go oketsega ka lebaka la kgokgontsho.

Mothusa mokwaledi mogolo wa BOFEPUSO, Rre Keaoleboga Dipogiso o boletse gore gantsi maloko a makgotla ba inaakanya thata le go lwela madi mme a re o ba gakolola gore ba seka ba lebala go lwantsha tshenyetso setshaba le go gopela ya itsholelo ka gore ke tsone tshosoerweleng mo go tliseng lehuma mo lefatsheng.

 A re tshenyetso setshaba e ka dira gore babereki ba seka ba bona dituelo tse di nametsang ka gore lefatshe le a bo le humanegile go sena se se ka dirwang go okeletsa babereki dituelo. 

O tsweletse a re mogodimo ga moo ga go kake ga kgonagala gore go tlhamiwa ditiro ka lebaka la kwelotlase e e bakilweng ke bangwe ba ba senyang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Dipuisano

Date : 15 Dec 2014