Kgosi o tshwentswe ke borukutlhi
15 Dec 2014
Kgosi ya Radisele, Rre Kakanyo Botoka, a re o tshwenngwa fela thata ke borukutlhi mo motseng wa gagwe mme e bile o itlamile go bo lwantsha ka gotlhe mo go ka kgonagalang jaaka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a atamela.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Botoka yo o tlhomilweng mo setilong monongwaga ka Ngwanatsele, a re e rile fa a simolola tiro a dira ditshekatsheko tse a kgonneng go lemoga letlhoko la motse wa gagwe le a tshwanetseng go itebaganya le lone mme nngwe ya lone ya nna seemo sa borukutlhi se go lemosegileng se tlhoka go tsibogelwa.
Amogo le matlhapa a kwa dipotong. A re go a tshwenya gore e re le ntswa bogodu bo golela pele go bo go santse go lwantshiwa borukutlhi ka baithaopi ba sepodise, jalo a re nako e tsile ya gore go sekasekwe gore a methale ya pele ya go lwantsha borukutlhi e tshwana ya dikomiti tsa twantsho borukuthi gammogo le mephato di ka se busediwe go gagamatsa le go nonotsha go lwantsha borukuthi mo motseng.
O tsweletse ka go tlhalosa fa maitsholo mangwe a a duleng mo tseleng a tshwana le dintwa mo motseng di diragala ka lebaka la go sa saleng melao ya khansele morago ke beng ba dibara.
Rre Botoka a re ba lemogile gape fa kgokgontsho e le ntsi mo malwapeng selo se a kaileng fa se diragala thata mo malwapeng a batsadi ba ba nnang mmogo ba sa nyalana e bile gantsi ba fitlhelana ka bana.
A re kgotlhang gantsi e tsoga fa rre a leka go laola ngwana yo a mo fitlhelang mme ngwana le ene a batla go supa fa rre yo e se rraagwe selo se se feletsang se gogela kwa kgokgontshong.
O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se sengwe se se tshwenyang e le sa basha ba ba iphitisang dino mme morago ba dire ditiro tse di segang tsebe ka ba kgona go robala mo ditseleng le go lwantsha ba bangwe. A re go a swabisa ka banana ba kgona go ya dibareng ba sena madi mme ba ya go tsenya lesukuru.
O kaile fa seemo se sengwe se bakiwa ke go tlhoka go godisa bana sentle, ka a re fa go ka inaakanngwa le kgodiso e e maleba ya bana go ka namola setshaba mo mathateng a mantsi a a tsalwang ke go sa godisang bana sentle.
Ka jalo Kgosi Botoka a re o bone go le maleba gore a bitse morafe go tla go lebisisana dikgang tsa mothale o gammogo le go fana maele a gore go ka dirwa eng go tokafatsa seemo se.
O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa batsadi ba ba sa kaeleng bana tsela e e siameng ya botshelo, a supa fa go swabisa gore motsadi e re a itse fa a ise a rekele ngwana mogala wa letheka e bo e re a mmona a o tshotse go bo go sa mo tshwenye go mmotsa kwa a o tsayang teng.
A re bana bangwe ba na le leruo mme batsadi ba bone ba itse fela sentle fa bana ba bone ba ise ba reke leruo leo mme ga go ba tshwenye. O boletse fa mokgwa o wa go mpampetsa ele one o latlhang bana o bo o dira gore ba gole ba sena boikarabelo.
Kgosi o kaile fa a tshwentswe gape ke go sa tsaya karolo ga batsadi mo thutong ya bana ba bone, selo se a reng se supagala thata ka nako ya diphuthego tse di bitswang ke barutabana tse di nnang di bona tshologelo e e kwa tlase ya batsadi.
A re selo se, se imetsa barutabana mokgweleo ka ba tshwanelwa ke go rwala maikarabelo a botsadi gammogo le a borutabana jalo a gwetlha batsadi go tsibogela thuto ya bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 15 Dec 2014