Lerato le tiisa lenyalo
15 Dec 2014
Banyalani ba gakolotswe go itsetsepela thata mo manyalong a bone ka go tlotlana le go fana lorato ka nako tsotlhe gonne seo se ka thusa thata mo katlegong gammogo le go tia ga manyalo a bone.
Moruti Keppies Mokaedi wa kereke ya Apostolic Faith Mission wa Makopong o buile seo bosheng kwa diofising tsa ga molaodi fa go folosiwa manyalo, a tlhalosetsa banyalani fa lenyalo le siame fela mme bobedi e le jone jo bo ka le tlhakatlhakanyang ka go tlhoka go le dibela le go le agela mo lefokong la Modimo.
O boletse gore go itshwarelelana fa yo mongwe a dirile phoso go di goga kwa pele mo go ageng lelwapa le le itsetsepetseng.
O boletse fa e le moruti yo o ithaopetseng go bereka le balaodi ka dinako tsa manyalo fa go folosiwa mme a re tiro ya gagwe e tona ke go kgothatsa le go gakolola banyalani ka go ba rerela lefoko la Modimo.
A re gantsi o kgothatsa banyalani ka ditemana tse di tlhalosang e bile di remeletse thata mo lenyalong.
Moruti Mokaedi a re o dirile tiro e ya Modimo morago ga go lemoga fa go na le manyalo a le mantsi a thubegang mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
A re o sale a simolotse go dira tiro e ka 2000 go fitlha mo nakong eno.
O kaile fa a itumedisiwa ke ka fa a berekang ka teng le balaodi ka a re botlhe moono wa bone ke go aga malwapa a a tiileng.
Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase o tlhaloseditse banyalani ka molao o mosha wa tlhakanelo dithoto a supa fa go na le ditatlhegelo le dipoelo mo go one, ka jalo a re ba tshwanetse go o itse le go o tlhaloganya pele ga ba tsena mo lenyalong.
Mothusa molaodi o tsweletse ka go tlhalosetsa banyalani fa ba tshwanetse go rerisana, go tlotlana go nna boineelo le gone go ratana ka e le gone go ka agang lelwapa le go renang kagiso mo go lone ka nako tsotlhe.
O boletse gore lenyalo ke konteraka e e felang fela fa yo mongwe a tlhokafetse kana go kgaogana ka fa molaong fa lorato le setse le fedile.
A re ba lemogile gore sengwe sa dilo tse di thubang manyalo ke go tsena mo lenyalong go sena lorato, motho a gabile dithoto fela.
Mme Kutlase o supile gore fa e sale ngwaga ono o simolola ba nyadisitse manyalo a le masome a mane le boraro go fitlha mo nakong eno, a kaya fa mo go one a a nyadisitsweng ke baruti kwa dikerekeng a le matlhano fela.
Fa akgela mongwe wa batsadi, Mme Elizabeth Jacobs o gakolotse banyalani gore lenyalo le a itshokelwa, a ba a gatelela thata gore puisano le therisano ke tsone konokono mo go atlegeng ga lone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : Tiro ya lenyalo
Date : 15 Dec 2014