Breaking News

Go jela bagodi ke bosetlhogo

15 Dec 2014

Mogolwane wa mokgatlho wa Aglow International o o thusang bagodi ba batlhoki ka dijo le diaparo, Mme Beauty Bogwasi, a re go utlwisa botlhoko gore batho bangwe ba masika ba bo ba itlwaeditse mokgwa o o sa siamang wa go tseela bagodi dijo tse ba thusiwang ka tsone.

Mo moletlong o ba o dirang ngwaga le ngwaga wa go abela bagodi dimpho le go ba direla dijo tsa motshegare o o neng o tshwaretswe kwa sekolong se segolwane sa Tsodilo kwa Maun bosheng, Mme Bogwasi a re ka dinako dingwe o fitlhela mogodi yo o sa kgoneng le gone go apaya mme a na la boupi jo a ka bo fuduwang a nwa, batho ba go nna jalo ba mo bo tseela. 

O ikuetse mo bogosing le mo mopalamenteng wa Maun Botlhaba Rre Kosta Markus gore ba ba thuse gore batho ba ba tseelang bagodi dijo ba tseelwe dikgato. 

O boletse fa seemo se se tshwenya thata e bile se sa ba jese diwelang ka a re bagodi bangwe ba nna ba le nosi mme o fitlhela ba tseelwa ke batho fela ba ba santseng ba itekanetse go ka bereka. 

A re mokgatlho wa bone o thaetswe mo sekereseteng mme e bile ga o rotloetse go bua fela ka molomo mme o batla batho ba ba dirang ka matsogo.

Mme Bogwasi o tsweletse a re kgwetlho e nngwe ke go tlhoka kemo nokeng ya ba ba nang le ditsompelo mo kgaolong eo, a re o ipotsa gore ke eng go ntse jalo ka batho ba itse fa go le thata gore bana ba tlhokomele batsadi ba bone. 

Le fa go ntse jalo, a re e rile bosheng ba abelwa setsha se maikaelelo a bone e leng go agela bagodi lefelo le ba tla a nnang ba lapolosa ditlhaloganyo teng le gone go itshidila maikutlo ka go bona sebaka sa go tsaya dikgang le balekane ba bone.

A re bangwe ba tla a tshwanelwa ke go nna gone koo ka jaana ba sena bana le fa e le masika, fa bangwe bone ba tla a nna ba ya go tlhola koo mme ba busiwe maitseboa ba tlhapile e bile ba jele, sa bone e le go ya go robala fela.

Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente Rre Markus o galaletsa mokgatlho wa Aglow International a re o dira tiro e ntle thata a ba a re go tla a raya gore a itshwaraganye le bone gore ba bone gore lefelo leo e le ruri le a agiwa. 

O tsweletse a re kana motho fa a godile o fetoga go nna ngwana mme ka jalo o tlhoka tlhokomelo e ntsi, bopelotelele le lone lorato. Rre Markus a re mapalamente le makhanselara a kgaolo, ba itlamile go romiwa le go thusa gore maikaelelo a setshaba a diragale. 

Mookamela wa lekgotla leo, Dr Smitta Moalosi, o tlhalositse fa e tla a re nako nngwe le nngwe e ba bonang madi kana ope yo o ka intshang setlhabelo ka go aga lefelo leo, ba simolola gonne bone e le mokgatlho ba santse ba sena madi a go ka le tlhabolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Moletlo wa go abela bagodi dimpho

Date : 15 Dec 2014