Maloko a gakolotswe go nna badiredi ba tlhwatlhwa
15 Dec 2014
Maloko a lekgotla la National Amalgamated Workers Union ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba gwetlhilwe go fetola maikutlo a bone le go dira ka natla mo ditirong tsa bone jaaka go tlaa bo go tsenwa no ngwageng o mosha wa 2015.
Se se beilwe pele maloko a lekgotla leo e le molaetsa wa bofelo wa malatsi a botsalo jwa Morena le go amogela ngwaga o mosha mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Masunga bosheng.
Modulasetilo wa lekgotla leo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Osego Batswana o ne a kopa maloko go nna boikanyego le go nna boineelo mo ditirong tsa bone gore ba nne badiredi ba ba eletsegang mo setshabeng.
Rre Batswana a re maloko a tshwanetse a tsena mo ngwageng wa 2015 ba ikiteile dihuba go bereka ka mashetla, e le ka maikaelelo a go ntsha maduo mo tirong epe fela e ba tlaa bong ba e tshwere.
A re go a tshwenya ka jaana dipatlisiso di supa fa go na le babereki bangwe ba ba sa kgathaleng ka ditiro tsa bone, mme boemong jwa moo ba adime tshwene marapo.
Ka jalo, o ne a itela mo malokong ka ene gore mo ngwageng wa 2015 le go ya pele, ba seka ba amega mo mekgweng epe e e ka amang go ntshiwa ga maduo mo ditirong.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a kgalema a sa kgwe mathe, a re maloko a tshwanetse a itlama go fetola maikutlo a bone kgatlhanong le go amega mo ditirong tsa botlhoka tsebe le go utswa, bogolo jang fa ba direlang teng, a re ba itse fa go dira jalo go na le ditlamorago tse di sa siamang tsa go latlhegelwa ke ditiro.
A re leloko la motia la lekgotla leo la babereki, le le itseng maitlamo le maikaelelo a lekgotla leo tebang le ditshwanelo tsa mmereki, ga le a tshwanela go amega ka gope mo ditirong tsa botlhoka tsebe mo tirong.
Rre Batswana o boletse fa go ngomola pelo go bo go nnile le dikgang tsa kgalemo di le supa mo ngwageng ono wa 2014 mo kgaolong ya bone, tse mo go tsone babereki bangwe ba ileng ba latlhegelwa ke ditiro.
A re ka jalo, o kopa bao ba ba santseng ba na le mokgwa o o ka bakang gore ba isiwe fa pele ga lekoko la kgalemo mo tirong, go boela morago mokgwa oo ka ponyo ya leitlho.
Mogolwane yoo a re ba tshwanetse ba tlhaloganya fa mohiri fela jaaka bone, a ka seke a rate sepe se se sa mo itumediseng mo babereking, a re ba itse fa tiro ya bone, ditshwetso tsa bone le botshelo jwa bone e le maikarabelo a bone go bona gore tsotlhe di mo maemong a a ntseng jang.
Mo godimo ga moo, modulasetilo o kopile maloko go tshwaragana le go tla ka megopolo e mesha e e ka thusang go tlhabolola lekgotla go tswelela le diragatsa maitlamo a lone sentle.
Rre Batswana o ile a eleletsa maloko katlego mo malatsing a keresemose le ngwaga o mosha, a ba gakolola go ikela tlhoko mo ditseleng jaaka ba tlaa bo ba tsaya maeto le mo ditshwetsong dipe fela tse ba tlaa bong ba di tsaya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego
Date : 15 Dec 2014