Breaking News

Setshaba se tlhagisiwa go iphapa

15 Dec 2014

Mogolwane wa mapodise a Woodhall kwa Lobatse, Supritendent Tebogo Madisa, a re ba tshwenngwa ke go golela pele ga dikgang tsa batho ba ba tlhaselwang ba ile kwa mafelong a go itlhabisa phefo.

Mo potsolotsong bosheng, a re mafelo a a borai mo kgaolong ya Lobatse a akaretsa mafelo a tshwana le a bonno a a iseng a tlhabololwe, sekgwa se se fa kgotleng kgolo ya ditsheko, sekgwa sa Pitikwe le sekgwa sa chocholoza, gaufi le matlo a bonno a baoki, o kaile e le one mafelo a a leng botlhabetsi ka jaana batho ba tlhaselwa mo go one ka go ketekwa, mme ba felele ba amogilwe dithoto di tshwana le madi le mesokelatsebeng ya lotheka.

Superintendent Madisa o tlhalositse fa batho ba ba amegang mo tiragalong ya mohuta o, e le baratani, bangwe ba le mo mosepeleng ba tswa Gaborone kgotsa Mafikeng ba itapolositse, mme ka go tlhoka lesego ba kopane le dilalome tseo.

A re le fa go ntse jalo ba setse ba gatisitse dikgang di le supa tsa mothale o, mo nakong e khutshwane mme ka maswabi ba ba amegang  ba kaile fa dinokwane tseo e le borre bangwe ba ba bararo ba letso la Zimbabwe. O tlhalositse fa ditlhotlhomiso tsa sepodise di santse di tsweletse.

E re dikgang di eme jalo, Superintendent Madisa o tlhagisitse bakgweetsi ba dikoloi tse e seng tsa setshaba go iphapa mo go pegeng bapalami mo maemelong a dipalamo tsa setshaba ba sena diteseletso a re go dira jalo go feletsa go dira gore ba tlhasele bakgweetsi fa ba setse ba gorogile kwa mafelong a bone mme ba amogwe dithoto gammogo le go ketekwa.

Superintendent Madisa o tlhagisitse setshaba go ikgapha go itlhabisa phefo le go huba maoto mo mafelong a a sa babalesegang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 15 Dec 2014