Kabo ya ditsha e tlhoka matsetseleko
15 Dec 2014
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane a re go aba ditsha ke tiro e e botlhokwa thata, e e tshwanetseng go dirwa ka matsetseleko.
Rre Morakanyane o buile seo kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa modulasetilo wa lekgotla leo wa go ipelela matsalo a Morena o o neng o tshwerwe kwa lekgotleng la kabo ditsha la Tati mo Masunga ka Labotlhano (Sedimonthole 12).
A re e re ka jaana lefatshe e le selotlolo sa botlhokwa mo matshelong a batho, bone e le ba makgotla a kabo ditsha jaaka e le balaodi ba lefatshe, ba tshwanetse ba itse fa go ntsha maduo ga bone go na le ka fa go ka amang matshelo a Batswana ka teng.
Rre Morakanyane o ne a gwetlha badiredi ka ene ba lekgotla la kabo ditsha la Tati go gagamatsa le go tokafatsa ka fa ba laolang le go aba ditsha ka teng go tila madubadube a a tleng a diragale kwa dikgaolong tse dingwe a go lwelwa ga lefatshe, mo dikago le didirisiwa tsa makgotla a kabo ditsha di felelang di senyegile.
A re fela o dumela gore therisanyo magareng ga lekgotla la kabo ditsha le ba-na le seabe ba ba akaretsang ofisi ya ga molaodi, koporase ya ditlamelo tsa metsi le maphata a mangwe fela jalo, e ka thusa lekgotla la kabo ditsha go diragatsa tiro ya bone ka botlalo.
Rre Morakanyane a re gape seo se ka thusa gore tiro e ba e dirang e nne le bokao mo matshelong a Batswana le gore a lefatshe le ba le abelang baikopedi, le dirisiwa ka fa tshwanelong le gone go sologela batho molemo.
O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba sa kgona go abela batho ditsha jaaka go ne go solofetswe, e le ka ntlha ya dikgwetlho di le mmalwa tse ba nnileng le tsone.
A re fela o itumedisiwa ke go bo mo malatsing a a sa tswang go feta, ba kgonne go ya go sega ditsha kwa metseng ya Ditladi le Letsholathebe tse di tlaa abiwang ka kgwedi ya Hirikgong ngwaga o o tlang. Mo go one moletlo oo, lekgotla le ne la leboga le go abela dimpho badiri bangwe ba ba dikileng ba berekile ka natla mo ngwageng wa madi wa 2013/2014, mme a gwetlha ba bangwe go iteka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Moletlo Wa Modulasetilo
Date : 15 Dec 2014